\c 1 \v 1 Mo tshimologong, Modimo a dira magodimo le lefatshe. \v 2 Lefatshe le ne le sena popego le sena sepe. Lefifi le ne le e fa godimo ga boteng. Mowa wa modimo o ne o tsamaya fa godimo ga metsi.
\c 1 \v 1 Mo tshimologong, Modimo a dira magodimo le lefatshe. \v 2 Lefatshe le ne le sena popego le sena sepe. Lefifi le ne le ilame fa godimo ga boteng. Mowa wa modimo o ne o tsamaya fa godimo ga metsi.
\v 4 Mo ke ditiragalo tsa magodimo le lefatshe, fa di bopiwa, mo letsatsing le morena Modimo a dirileng lefatshe le magodimo. \v 5 Ga bo go ise go nne ditlhatsana dipe tsa naga mo lefatsheng, go ne go sena setlhare sepe sa naga se se medileng, ka gore morena Modimo o nea ise a nese pula mo lefatsheng, le gone go ne go se motho yo o ka lemang naga. \v 6 Mmuwane wa tswa mo lefatsheng mme wa nosetsa mpa yotlhe ya lefatshe.
\v 4 Mo ke ditiragalo tsa magodimo le lefatshe, fa di bopiwa, mo letsatsing le morena Modimo a dirileng lefatshe le magodimo. \v 5 Ga bo go ise go nne ditlhatsana dipe tsa naga mo lefatsheng, go ne go sena setlhare sepe sa naga se se medileng, ka gore morena Modimo o nea ise a nese pula mo lefatsheng, le gone go ne go se motho yo o ka lemang naga. \v 6 Mouwane wa tswa mo lefatsheng mme wa nosetsa mpa yotlhe ya lefatshe.
\v 24 Ka jalo monna o tla tlogela rraagwe le mmaagwe, o tla tshwaragana le mosadi wa gagwe, mme ba tla nna nama e le ngwe. \v 25 Botlhe ba ne ba sa apara, monna le mosadi wa gwgwe, mme ba ne ba sa tlhabiwe ke ditlhong.
\v 24 Ka jalo monna o tla tlogela rraagwe le mmaagwe, o tla tshwaragana le mosadi wa gagwe, mme ba tla nna nama e le ngwe. \v 25 Botlhe ba ne ba sa apara, monna le mosadi wa gagwe, mme ba ne ba sa tlhabiwe ke ditlhong.
\c 3 \v 1 1 Jaanong noga ya bo e le leferefere go gaisa diphologolo tsotlhe tsa lefatshe tse Morena Modimo o di dirileng. Ya raya mosadi ya re, "A Modimo tota o rile, "O seka wa ja mo go sepe sa ditlhare tsa tshimo'?'' \v 2 Mosadi a raya noga a re, ''Re ka ja maungo a ditlhare tsa tshimo, \v 3 mme fa e le ka leungo la setlhare se se fa gare ga tshimo, Modimo o rile, Le seka la le ja, le fa e le go le tshwara, eseng jalo le tla swa.''
\v 4 Noga ya raya Mosadi ya, "Ruri ga o na go swa. \v 5 Tota Modimo o itse gore letsatsi le o jang ga lone matlho a gagoa tla bulega, mme o tla bo jaanong o tshwana le Modimo, o itse molemo le bosula.''' \v 6 Erile fa mosadi a bona fa setlhare se siametse dijo, mme ebile se kgatlhisa mo matlhong, mme gape se eletsega go ka dira motho botlhale, a tsaga mangwe a maungo a sone mme a ja. Ka jalo a neela monna wa gagwe yo baneng ba le mmogo, mme le ene a ja.
\v 7 Matlho a bone botlhe a bulega, mme ba ba itse go re ga ba ikatega. Ba roka matlhare a mofeigi mme ba itirela diaparo. \v 8 Ba utlwa modumowa Morena a tsamaya mo tshimong mo phirimaneng ya letsatsi, mme monna le mosadi wa gagwe ba iphitlha mo boleng teng jwa Modimo mo teng ga ditlhare tsa tshimo.
\v 9 Morena Modimo a bitsa monna mme a mo raya a re, ''a fa kae?'' \v 10 Monna a re, ''ke go utlwile mo tshimong, mmeka boifa, go nne ke ne ke sa ikatlega. ka jalo ka iphitlha.'' \v 11 Modimo a re, ''O boleletswe ke mang go re ga o a ikatlega? A o jele ga setlhare se ke se go laetseng go re o se ka wa ja mo go sone?''
\v 12 Monna a re, ''Mosadi yo o mo nneetseng go nna le ene, o mphile leungo la setlhare, mme ka le ja.'' \v 13 Morena Modimo a raya mosadi a re, ''O dirile jang?'' Mosadi a re, ''Noga e nkakeditse, mme ka ja.''
\v 14 Morena Modimo a raya noga a re, ''Ka go nne o dirile jalo, go hutsegile wena mo diphologolong le dibatana tsotlhe tsa naga. O tla tsamaya o gopa ka mpa, mme o tla lerole mo malatsing otlhe a botshelojwa gago, \v 15 Ke tla tsenya bobaba fa gare ga gago le mosadi, le fa gare ga ga peo ya gago le peo ya gagwe. O tla tswetla tlhogo ya gago mme wena o tla rurusa serethe sa gagwe.''
\v 16 Mosadi ene a mo raya a re, ''Ke tla go okeletsa ditlhabi ka nako ya pelegi ya bana; o tla nna le ditlhabi fa o tshola bana. Keletso ya gago e tla ya monna wa gago, mme o tla nna le taolo mo go wena.''
\v 17 Mme Adame ene a a mo raya a re, ''Ka go bo o ile wa reetsa lentswe la mosadi wa gago, mme wa ja go tswa mo setlhareng, se ke se go laetsang ka re, 'seka wa ja mo go sone,' go hutsegile lefatshe ka ntlha ya gago; o tla ja ka go bereka mo go botlhoko ka malatsi otlhe a gago. \v 18 Le tla mela mebitlwa le mesetlho ka ntlha ya gago, mme o tla ja ditlhare tsa naga. \v 19 O tla ja ka mohuhutso waphatlha ya gago, go fitlhelela o boela mo mmung, ka go nne o dule mo go one. Go nne o lerule, mmeo tla boela mo leroleng.''
\v 20 Monna a bitsa mosadi wa gagwe Efa gonne o ne a le mma ditshidi tsotlhe. \v 21 Morena Modimo a direla Adame le mosadi wa gagwe diaparo tsa matlalo mme a ba apesa.
\v 22 Morena Modimo a re, ''Motho jaanong o tshwana le mongwe wa rona, o itse tshiamo le bosula. Ka jalo ga a tshwanela go letlelelwa go otlolola seatla sa gagwe go goroga ko setlhareng sa botshelo, a ja mo go sone, mme a tshelela ruri. \v 23 Mme Morena Modimo a mo kobela kwa ntle ga tshimo ya Edene, go pitlokolola mmu o a ntshitsweng mo go one. \v 24 Jalo Modimo a kgarameletsa motho kwa ntle ga tshimo, mme abaya dicheruba kwa botlhaba jwa tshimo ya Edene, le tshaka e e dikologelang mo dintlheng tsotlhe, go disa tsela e e yang kwa setlhareng sa botshelo.
\c 4 \v 1 Monna a kopana le mosadi wa mme a ima a tshola Kaine. A bo a re, ''Ke dirile monna ka thuso ya Morena.'' \v 2 Mme a tshola monnawe Abel. Jalo Abel a nna modisa, mme Kaine a nna molemi.
\v 3 Go ne ga diragala mo tsamaong ya nako Kaine bontlhabongwe jwa maungo a mmu e le kabelo ko go Morena. \v 4 Fa e le Abele, ene a tlisa kabelo ya setsalwapele sa leruo lwa gagwe le mafura. Morena a amogela Abele le kabeloya gagwe, \v 5 mme Kaine le kabelo ya gagwe a seka a mo amogela. Jalo Kaine a shakgala thata, mme a sosobanya sefatlhego.
\v 6 Morena a raya Kaene a re, ''Ke ka go reng fa o shakgetse ebile o sosobantse sefatlhego? \v 7 Fa o ka dira se se siameng, aa ga o na go amogelwa? Mme fa o ka seke o dire se se siameng, boleo bo go emetse fa kgorong mme bo ikaeletse go go laola, mme wena o tshwanetse go bo fenya''
\v 8 Mme Kaine a bua le morwaa ragwe. Ga diragala go re e re ba le mo nageng, Kaine a tsogologela morwaarragwe mme a mmolaa. \v 9 Mme Morena a raya Kaine a re, ''Abel morwaarago o kae?'' A fetola a re, ''Ga ke itse. Aa ke nna modise wa ga morwaarre?'
\v 10 Morena a botsa a re, ''O dirile eng? Madi a ga morwaarrago a goeletsa kwa go nna go tswa mo lefatsheng. \v 11 Jaanong o hutsegile go tswa mo mmung, o o butseng legano go amogela madi a morwaarrago go tswa mo diatleng tsa gago. \v 12 Fa o pitikolola mmu, go tloga jaanong go ga o na go ntsha maungo a a nonofileng. O tla nna motshabi le ka go mokgarakgatshegi mo lefatsheng.
\v 13 Kaine a raya Morena a re, ''Kotlhao ya me e mphetile. \v 14 Ka nnete, o ntelekile gompieno mo lefatsheng le, mme ke tla fitlhega mo matlhong a gago. Ke tla nna motshabi le mokarakgatshegi mo lefatsheng, mme fela yo tla mponang o tla mpolaya.'' \v 15 Morena a mo raya a re, ''Ope fela yo tla bolayang Kaine, pusolosetso e nna mo go ene go menagane ga supa,'' Jalo Morena a baya letshwao mo go Kaine, go re fa ope fela a ka mmona, a seka a mo tlhasela.
\v 16 Jalo a tswa mo ponong ya Morena a ya go aga mo lefatsheng la Node, kwa botlhabatsatsi jwa Edene. \v 17 Kaine a kopanale mosadi wa gagwe, mme ima. A tshola Enoke. A aga motse mme a o bitsa ka leina la morwaawe Enoke.
\v 18 Enoke a tshola Irate. Irate a nna rragwe Mehujaele. Mahujaele a nna rraagwe Methushaele. Methushaele a nna rragwe Lameke. \v 19 Lameke a inyalela basadi ba le babedi. Leina layo mongwe e ne e le Ada, mme yo mongwe ya bo e le Sila.
\v 20 Ada a tshola Jabale. Yo a nna rraa barui ba letsomane ba ba nnang mo ditanteng. \v 21 Leina la morwaaragwe e ne e le Jubale. e ne e le raabo ba ba letsang harepa le lonaka. \v 22 Sila ene, a tshola Tubale-Kaine, molomaganye wa ditshipi. Kgaitsadie Tubale-Kaine e ne e le Naama.
\v 23 Lameke a raya basadi ba gagwe a re, ''Ada le Sila, utlwang lentswe lame; lona basadi ba ga Lameke, reetsang se ke se buang. Gonne ke bolaile monna a nkgobaditse, lekawana le nkobaditse. \v 24 Fa Kaine a ka bosolodiwa ga supa, Lameke e ne o tla bosolodiwa ga masome a supa le bosupa.''
\v 25 Adame a kopana le mosadi wa gagwe gape, mme a tshola morwa gape. A mo raya leina a re Sethe mme a re, ''Modimo o nneile morwa gape go emisetsa Abele, yo Kaine a mmolaileng.'' \v 26 Sethe a tshola morwa mme a mo raya leina a re Enoshe. Ka nako eo batho ba simolola go bitsa leina la Morena.
\c 5 \v 1 Mo ke moalo wa kokomane ya ga Adamo. Ka letsatsi le Modimo a tlhodileng motho, a ba bopa mo tshwanong ya gagwe. \v 2 A tlhola monna le mosadi. A ba segofatsa a ba bitsa batho fa ba tlholwa.
\c 5 \v 1 Le, ke lekwalo la tshika ya ga Atame. Ka letsatsi le modimo o tlhodileng motho wa mo dira mo setshwanong sa gagwe. \v 2 A tlhola monna le mosadi.A ba segofatsa le go ba fa leina a re motho ka letsatsi le ba tlhodilweng ka lone.
\v 3 Fa Adamo a tshedile dingwaga di le 130, a nna le morwa mo tshwanong ya gagwe, a mmitsa leina Sethe. \v 4 Morago ga Adamo a sena go nna rraagwe Sethe, a tshela dingwaga di le 800. A nna rra barwa le barwadia ba bantsi. \v 5 Adamo o tshidile dingwaga di le 930, abo a tlhokafala.
\v 3 Adame o tshedile dingwaga di le 130, a tshola ngwana wa mosimane mo tshwanong ya gagwe ka popego ya gagwe, a mo fa leina a re Sethe. \v 4 Morago ga Atamo a tshola Sethe ,o tshedile dingwaga di le 800 , a tshola bana ba bantsi ba basimane le basetsana . \v 5 Atame o tshidile dingwaga di le 930, mme a swa.
\v 9 Fa Enosho o tshidile dingwaga di le 99, a nna rraagwe Kenane. \v 10 Morago ga sena go nna rraagwe Kenane, Enosho o tshedile dingwaga di le 815. A nna rra barwa le barwadia ba bantsi. \v 11 Enosho o tshedile dingwaga di le 905, a bo a tlhokafala.
\v 9 Fa Enoshe a sena go tshela dingwaga di le 90, a tshola ngwana ebong Kenane. \v 10 Morago ga go tshola Kenane, Enoshe o tshedile dingwaga di le 815. A tshola bana ba le bantsi ba basimane le basetsana \v 11 .Enoshe o tshidile dingwaga di le 905, mme swa
\v 15 Fa Mahalalele a tshedile dingwaga dile 65, a nna rragwe Jarete. \v 16 Morago ga a sena go nna rraagwe Jarete, Mahalalele o tshedile dingwaga dile 830. A nna rra barwa le barwadia ba bantsi. \v 17 Mahalalele o tshedile dingwaga dile 895, a bo a tlhokafala.
\v 15 Morago ga Mahalalele a tshedile dingwaga di le 60, a tshola Jarete. \v 16 Morago ga go tshola Jarete, Mahalalele o tshedile dingwaga di le di le 830. A tshola bana ba le bantsi ba basimane le basetsana. \v 17 Mahalalele o tshedile dingwaga di le 895, mme a swa.
\v 30 Lameke o tshedile dingwaga dile 595 morago fa sena go nna rraagwe Noa. A bo a nna rra barwa le barwadia ba bantsi. \v 31 Lameke o tshedile dingwaga dile 777. A bo a thokafala.
\v 30 Lameke o tshedile dingwaga di le 595, a sena go tshola Noa. A tshola bana ba bantsi ba basimane le basetsana. \v 31 Lameke o tshedile dingwaga di le 777, mme a swa.
\c 6 \v 1 Go ne ga diragala ha batho ba simolola go oketsega mo lefatsheng mme barweetsana ba simolola go tsholwa mo go bone, \v 2 jalo barwaa batho ba bona fa barwadia batho ba rothisa mathe go lejwa. Ba ba itseela go nna basadi, go ya ka mo ba itlhophetseng ka teng. \v 3 Morena a re, ''mowa wa me ga o na go tswelela mo sikeng loo motho go ya pele, go nne ene ke nama. Ba tla tshela dingwaga di le lekgolo le masome mabedi.
\v 4 Mekaloba e ne e le teng mo lefatsheng mo malatsing ao, mme gape le morago ga one. Mo go diragetse morago ga barwa Modimo ba sena go nyala barwadia batho, mme ba tshola bana le bone. Ba ya nna banna ba ba nonofileng ba kgale, banna tota.
\v 5 Morena a bona fa bomaswe jwa sika loo motho le aname le lefatshe, le go bo dikakanyo tsa dipelo tsa bone di bo di le bosula phetelela. \v 6 Morena a ikwatlhaela go bo a dirile motho mo lefatsheng, mme moo ga utlwisa pelo ya gagwe botlhoko.
\v 7 Mme Morena a re, ''ke tla sutlha sika loo motho le ke le dirileng mo lefatsheng - motho, diphologolo, digagabi, dinonyane tsa loapi, go nne ke ikwatlhaela go bo ke di dirile.'' \v 8 Mme Noa ene a bona thekegelo mo matlhong a Morena,
\v 9 Tse ke ditirafalo ka ga Noa. Noa e ene e le monna yo o siameng, a sena molato mo bathung ba dipaka tsa gagwe. Noa o ne a sepela le Modimo. \v 10 Noa a nna rraabo barwa ba le bararo; Sheme, Hame le Jafethe.
\v 11 Lefatshe le ne le tobekanye ha pele ga Modimo, mme le tletse thubakano. \v 12 Modimo a leba lefatshe, bonang, la bo le senyegile, go nne nama yotlhe e ne e tobekantse ditsela tsa gotsena mo lefatsheng.
\v 13 Mme Modimo a raya Noa a re, ''ke a bona janong gore motlha o tsile go re ke fedise nama yotlhe, go nne ka yone lefatshe le tletse ka thubakano. \v 14 Itirele areka ka logong la mosepara. O dire dikamore mo teng ga areka, mme o di khurumetse ka boreledi mo teng le kwa ntle. \v 15 O tla e aga ka tsela e: go rapalala ga areka e tla nna dilekanyo di le makgolo mararo; bophara e tla nna dilekanyo di le masome a matlhano, mme boleele jwa yone e tla nna dilekanyo di le masome a mararo.
\v 16 O dire marulelo a areka, mme o tlogele sephatonya gautshwanyane le phelelo ya areka, mme o dire dikarolo tse di tlhomaganeng ga raro. \v 17 Reetsa, ke gaufi le go tlisa morwalela wa metsi mo lefatsheng, mme ke tla nyeletsa nama yotlhe e e nang le mowa wa botshelo mo tlase ga lefatshe. Sengwe le sengwe se se mo lefatsheng se tle swa.
\v 18 Mme ke tla tlhoma kgolagano ya me. O tla tsena mo teng ga areka, wena le bana ba gago, le mosadi, le basadi ba bo morwaabone.le wena. \v 19 Mo go tsotlhe ditshidi tse di tshelang tsa nama yotlhe, o di tsenye mo teng ga areka di le sebedi-sebedi, e tonanyana le e namagadi,
\v 20 Dinonyane tsotlhe go ya ka losika lwa tsone, diphologolo tsotlhe go ya ka losika lwa tsone, digagabi tsotlhe go ya ka losika lwa tsone, sebedi-sebedi mo go tsotlhe ditshidi di tla tla kwa go wena mme o tla di tlhokomela. \v 21 Phutha dijo tse di farologanyeng mme o di boloke, go re go nne le dijo tse e o tla di jang le tsone. \v 22 Jalo Noa a dira jalo, go ya ka se Modimo o se mo laetseng, mme a direa fela jalo.
\v 11 Mo ngwageng wa bomakgolo a marataro a gotshela ga ga Noa, mo kgweding ya bobedi, letsatsi la bolesome le bosupa la kgwedi, ka lone letsatsi leo, metswedi yotlhe ya boteng ya thubega ya bulega, mme ditlhabaphefo tsa selegodimo tsa bulega. \v 12 Pula ya simolola go na malatsi a le masome a mane le masigo a le masome a mane.
\v 13 Ka lone letsatsi leo Noa le borwaawe, Sheme, Hame, le Jafete, le Mogatse Noa, le basadi ba bomorwaawe ba ba bararo a na le bone, ba tsena mo arekeng. \v 14 Ba tsena mmogo le nngwe le nngwe ya diphologolo go ya ka mefuta ya tsone, le diruiwa tsolthe go ya ka mefuta ya tsone, le dirdigagabi tsotlhe tse di gagabang mo lefatsheng go ya ka mefuta ya tsone, le lefuta yotlhe ya dinonyane go ya ka mefuta ya tsone, tsotlhe tse di nang le diphuka.
\v 15 Sebedi sebedi sa nama yotlhe e e nang le mohemo wa botshelo sa tla kwa go Noa mme tsa tsena mo arekeng. \v 16 Diphologolo tse di tseneng mo arekeng ya bo e le tse di tonanyana le tse di namagadi tsa nama yotlhe; tsa tsena fela ka fa Modimo o neng o mo laetse.
\v 17 Mme merwalela ya goroga mo lefatsheng ka malatsi a le masome a le mane, mme metsi a oketsega a tsoleletsa areka fa godimo ga lefatshe. \v 18 Metsi a khurumetsa lefatshe, mme areka ya kokobala fa godimo ga metsi.
\v 19 Metsi a tlhatloga thata mo lefatsheng mo dithaba tsotlhe tse di ka fa tlase ga loapi di ileng tsa khurumediwa. \v 20 Metsi a tlhatloga dielo di le lesome le botlhano mo godimo ga ditlhoa tsa dithaba.
\v 21 Ditshidi tsotlhe tse di neng di saila mo lefatsheng tsa swa - dinoyane, dibatana tsa naga, ditshidi tsotlhe tse di neng di tshela ka dipalo palo mo lefatsheng, le losika lotlhe loo motho. \v 22 Dibopiwa tsotlhe tse di neng di tshela mo lefatsheng, di hema mohemo wa botshelo ka dinko tsa tsone, tsa swa.
\v 23 Ka jalo ditshidi tsotlhe tse dineng di le mo godimo ga lefatshe tsa nyelediwa tsotlhe, sika loo motho le diphologolo le digagabi le dinonyane tsa loapi. Ke Noa fela le ba ba neng a na le bone mo arekeng ba ba neng ba sala. \v 24 Metsi a tswelela a le mo lefatsheng malatsi a le lekgolo le masome a matlhano.
\c 8 \v 1 modimo o ne a gopola Noa, le diphologolo tsotlhe tsa naga, le leruo lotlhe le a neng a nale lone mo teng ga araka. Modimo o ne a fukisa phefo mo godimo ga lefatshe mme metsi a simolola go ya tlase. \v 2 Metswedi ya metsi e e koteng le matlhaba phefo a legodimo a ne a tswetswe, mme pula ya kgaotsa. \v 3 Metsi a morwalela a simolola go ya tlase ka bonya ka bonya a tsena mo mmung, mme moago ga malatsi a le 150 a wela metsi a ne setse a ile tlase.
\c 8 \v 1 Modimo o ne a gopola Noa, le diphologolo tsotlhe tsa naga, le leruo lotlhe le a neng a nale lone mo teng ga araka. Modimo o ne a fukisa phefo mo godimo ga lefatshe mme metsi a simolola go ya tlase. \v 2 Metswedi ya metsi e e koteng le matlhaba phefo a legodimo a ne a tswetswe, mme pula ya kgaotsa. \v 3 Metsi a morwalela a simolola go ya tlase ka bonya ka bonya a tsena mo mmung, mme moago ga malatsi a le 150 a wela metsi a ne setse a ile tlase.
\v 2 Bo morwa Jafethe ke Gomere, Magoge, matai, Jafone, Tubale, Meseke, le Tirase. \v 3 Bo morwa Gomere ke Asekenase, Rifathe, le Togarema. \v 4 Bo morwa Jafane ne ele Elisha, Taresise, Kitime, Dotanime. \v 5 Go tswa fa batho ba setlhaketlhake sa lewatle bane ba kgaogane mme mongwe le mongwe wa bone a tsamaya ko lefatsheng la bone, mongwe le mongwe ka teme ya bone, go yeng ka ditshika, le ka Chaba ya bone.
\v 2 Bo morwa Jafete e ne e le Gomere, Magoge, Matai, Jafane,Tubale, Mesheke le Tirase. \v 3 Bo morwa Gomere e ne e le Ashekenase, Ruphathe le Togarama. \v 4 Bo morwa Jafane e ne e le Elishaha, Tarashishi, Kitime, le Totanimi. \v 5 Go tswa mo go ba, batho ba letshitshi la lewatle ba ne ba kgaogana ka mafatshe, lengwe le lengwe lena le puo ya lone , go ya ka fa dikgotlaneng le ka fa ditshabeng tsa bone.
\v 6 Bo morwa Hame ke Kuse, Miseraime, Pute, le Kanana. \v 7 Bo morwa Kuse ke Seba, Hafikla, Sabeta, Raama, le Sabeteka. Bo morwa Raama ke Sheba le Detane.
\v 6 Bo morwa Hame ke Kuse, Miseraime, Pute, le Kanana. \v 7 Bo morwa Kuse e ne e le Seba, Hafila, Sabeta, Raama, le Sabeteka. Bo morwa Raama e ne e le Sheba le Detane.
\v 8 Kuse a tshola Nimerote, yo o nnileng mofenyi wa ntlha mo lefatsheng. \v 9 E ne ele motsumi o nonofileng fa pele ga Jehova. Ke ka mo go tweng, "Jaaka Nimerole, motsumi yo o nonofileng fa pele ga Jehova." \v 10 Bogosi jwa gagwe bo simolola ko Babele, Erege, Akate, le Kalene, mo lefatsheng la Shenare.
\v 8 Kuse a tshola Nimerote, yo o nnileng mofenyi wa ntlha mo lefatsheng. \v 9 E ne ele motsumi o nonofileng fa pele ga ga Jehova. Ke ka mo go tweng, "Jaaka Nimerole, motsumi yo o nonofileng fa pele ga Jehova." \v 10 Bogosi jwa gagwe bo simolola kwa Babele, Erege, Akate, le Kalene, mo lefatsheng la Shenare.
\v 11 Fa a tswa mo lefatsheng leo a ya Arisia a bo a aga Ninefe, Rehobotheire, Kala, \v 12 le Resene yo o neng ale fa gare ha Ninefe le Kala. Ene ele toropo e tona thata . \v 13 Miseraime a nna rraagwe Ba ludime, Baaname, Balehabim, Banafetotime, \v 14 Bapatherusime, Bakaseluhime (fa go tswang Bafilisitia), le Kefetorime.
\v 11 A tswa mo lefatsheng leo a ya kwa Asiria , a aga Ninefe le Rehobothe, le Kala, \v 12 le Resene, yo o neng ale fa gare ga Ninife le Kala. e ne e le motse o mogolo. \v 13 Misarime ya nna rragwe Baludi, le Baanamite,le Balehabi,le \v 14 Banafetuhi, ba Phatharusi, Bakaseluni ( ba go duleng Bafilisitia mo go bone) le Bakefetori.
\v 15 Kanana a nna rraagwe Sitone, Morwawe wa ntlha, le Hethe, \v 16 le Bajebuse, Baamore, Bagiregase, \v 17 Bahife, Baarike, Basine, \v 18 Baarefate, Basemare, le Bahamathe. Morago ga mo ditshika tsa Bakanana tsa anamela konte.
\v 15 Kanana a tshola Sitone ,motsalwapele wa gagwe, le Hethe, \v 16 le Bajebusi, Baamora le Bagigashishe, le \v 17 Bahife, Baarika le Basinite, le \v 18 Baarafatitei le Basemari le Bahamatite. Morago ga moo dikgotlana tsa Bakanana tsa anama.
\v 19 Mololwane wa Bakanana one o simolola go tswa ko Sitone, wa tsamaela ntlhe ya Gararego ya go tsena ko Gasa, go ya ntlheng ya Sotoma, Gomora, Atema, le Seboime, go fitlha ko Lasa. \v 20 Ba ene ele barwa Hame, go yeng ka ditshika tsa bone, ka puo ya bone mo mafatsheng a bone, mo chabeng ya bone.
\v 19 Molelwane wa Bakanana one o simolola kwa Sitone, mo ntlheng ya Gerara go wela ko Gasa jaaka o tsamaela ko Sotoma, Gomora, Atema, le Seboime go fitlha kwa Lasha. \v 20 Bao ke bo morwa Hame, ka dikgotlana tsa bone, ka diteme tsa bone, mo mafatsheng a bone, le mo ditshabeng tsa bone.
\v 21 Shemi le ene one a tshola barwa, e bong mogolowe Jafethe. Shemi e ne ele rragwemogolo batho botlhe ba Ebere. \v 22 Bo morwa Shemi ke Elame, Asesure, Arepakesate, Lute le Arame. \v 23 Bo morwa Arame ke Use, Hole, Gathere, le Mase.
\v 21 Sheme, e leng mogolowe Japhete le ene a tshola barwa. Sheme gape e ne e le rragwe batho botlhe ba Ebere. \v 22 Barwa Sheme e ne e le Elama, Ashure, Arafasate, Ludi le Arama. \v 23 Barwa Arama e ne ele Usa, Hula, Gethare le Mesheke.
\v 24 Arepakesate a tshola Shela, mme Shelaa nna rraagwe Ebere. \v 25 Ebere a nna le barwa bale babedi, yo mongwe o ne a bitswa Pelege, ka gore ka nako ya malatsi a gagwe lefatshe le ne la kgaogana. Monnawe o ne a bitswa Joketane.
\v 24 Arepakesate a tshola Shela, mme Shela a nna tshola Ebere. \v 25 Ebere a nna le barwa bale babedi, yo mongwe o ne a bitswa Pelege, ka gore ka nako ya malatsi a gagwe lefatshe le ne la kgaogana. Monnawe o ne a bitswa Joketane.
\v 26 Joketane a nna rraagwe Alemotate, shelefe, Hasaremafethe, Jera, \v 27 Hatorame, Usale, Dikela, \v 28 Obale, Abimnaele, Sheba, \v 29 Ofire, Hafila, le Jobab. Botlhe ba e ne e le barwa Joketane.
\v 26 Joketane a nna rraagwe Alemotate, Shelefe, Hasaremafete, Jera, \v 27 Hatorame, Usale, Dikela, \v 28 Obale, Abimnaele, Sheba, \v 29 Ofira, Hafila, le Jobaba. Botlhe ba e ne e le barwa Joketane.
\v 30 Boago jwa bone bone bo simologa ko Mesa, go fitlhela ko Sefare, thaba e ko botlhabatsatsi. \v 31 Ba ke bo morwa Sheme, go yeng ka ditshika le diteme tsa bone mo lefatsheng la bone, mo chabeng ya bone.
\v 30 Boago jwa bone bo ne bo simologa kwa Mesha, go ya go tsena kwa Sephare, thaba ya botlhaba tsatsi. \v 31 Bao ke bo morwa Sheme ka fa dikgotlaneng tsa bone le ka fa puong ya bone, mo ditshabeng le mo nageng ya bone.
\v 32 Ba ke ditshika tsa bo morwa Noa, go yeng ka fa ditshika tsa bone, go yeng ka chaba ya bone. E rile go tswa fa dichaba tsa kgaogana ba tsamaya mo lefatsheng lotlhe morago ga morwalela.
\v 32 Tse, ke dikgotlana tsa barwa Noa, go ya ka fa lesikeng la bone, ka ditshaba tsa bone. Gotswa mo go bone merafe ya kgaogana mo lefatsheng morago ga morwalela.
\c 12 \v 1 Jalo Jehofa a raya Aberame a re, "Tloga mo lefatsheng la ga eno, le mo masikeng a gago, le mo go ba ntlo ya ga rrago, o ye kwa lefatsheng le ka tla le go supegetsang. \v 2 Ke tla go dira tshaba e kgolo, ke tla go segofatsa, ke ba ke dira leina la gago legolo, mme o tla nna tshegofatso. \v 3 Ke tla segofatsa ba ba go segofatsang, mme ke tla hutsa ba sa go tlotleng. Ka wena ditshaba tsotlhe tsa lefatshe di tla segofala.''
\v 4 Ka jalo Aberame a bolola, jaaka Jehova a mo kaetse, mme Lote a tsamaya le ene.
aberame a bo a le dingwaga di le 75 fa a tloga mo Harane. \v 5 Aberame a tsaya Sara, mosadi wa gagwe, Lote morwa monnawe, dithoto tsa bone tsotlhe tse baneng ba di kgobokantse, le batho ba ba neng ba ba neng ba ba bone mo Harane. Ba bolola go ya kwa lefatsheng la Kanana, mme ba goroga mo lefatsheng la Kanana.
\v 6 Aberame a ralala lefatshego fitlha kwa Shekeme, kwa maokeng a More. Ka malatsi ao Bakanana ba ne ba agile lefatsheng leo. \v 7 Jehofa a iponahatsa kwa go Aberame, mme a re, Ke tla naya ditshika tsa gago lefatshe le.'' Ka jalo Aberame a agela Jehofa aletare, yo o neng iponahaditse mo go ene.
\v 8 Go tloga foo a fudugela kwa dithabeng tse di potileng Bethele ka fa botlhaba, mme a tlhoma motlaagana wa gagwe, mme Bethele a bo a le kwa bophirima Ai a le kwa botlhaba. Foo a agela Jehofa aletare mme a bitsa lefelo leo Jehofa. \v 9 Jalo Aberame a tswelela ka loeto, a lebile kwa Negefi.
\v 10 Ga bo go le leuba mo lefatsheng, mme Aberame a leba kwa lefatsheng la Egepeto go batla bonno.
\v 11 Mme ya re a le gaufi le go tsena mo Egepeto, a raya Sara a re, ''bona, ke itse fa o le mosadi o montle. \v 12 E tlare fa Baegepeto ba go bona ba re ''Yo ke mosadiwa gagwe'' mme ba mpolae, mme wena ba go tlogele o tshela. \v 13 O ba reye o re o kgaitsadiake, go re go ntshiamele ka wena, go re botshelo jwame bo sireletsege ka lebaka la gago.
\v 14 Ga diragala, ya re fa Aberame a goroga mo Egepeto, Baegepeto ba bona fa Sara a le montle fela thata. \v 15 Magosana a ga Faro a mmona, ba mo isa kwa go Faro, mme mosadi a akarediwa mo go ba lelwapa la ga Faro. \v 16 Faro a tlhokomela Aberame fela thata ka lebaka la ga Sara, mme Aberame a abelwa dinku le dikgomo, ditonki tse ditonanyana, malata a banna, malata a basadi, ditonki tse di namagadi, le dikamela.
\v 17 Mme Jehofa a otlhaya Faro le ba ntlo ya gagwe ka lebaka la ga Sara, mosadi wa ga Aberame. \v 18 Faro a biletsa Aberame kwa go ene, mme a re, ''Ke eng selo se o se dirileng mo go nna? Ke ka go reng fa o ne o sa mpolelele go re ke mosadi wa gago? \v 19 Ke ka go reng fa o ne o re , ''Ke kgaitsadiake'' go dira go re e tle e nne mosadi wame? Jaanong, tsaya mosadi wa gago o tsamae." \v 20 Mme Faro a ntshetsa banna ba gagwe ditaelo, mme ba mo fa tsela go tsamaya, ga mmogo le tsotlhe tse a neng a na le tsone.
\c 13 \v 1 Aberame a tlhatlhoga go tswa mo Egepeto, go ya Negefi, ene mosadi wa gagwe, le gotlhe mo a neng a nag. \v 2 Mme Aberame a bo a humile mo leruong, mo seleferemg, le mo gauteng.
\c 13 \v 1 Aberame a tlhatlhoga go tswa mo Egepeto, go ya Negefi, ene, mosadi wa gagwe, le tsotlhe tse a neng a na le tsone. \v 2 Mme Aberame a bo a humile mo leruo, selefera, le gauta.
\v 3 A tsweledisa mosepele wwa gagwe go tswa Negeti go ya Bethele, go ya kwa lefelong kwa a neng a thomile tante ya gagwe teng gole pele, fa gare ga Bethele le Ai. \v 4 A ya kwa lefelong le a neng a agile aletara ya gagwe gole pele. Mme ga a fitlha foo a bitsa leina Yaweeh.
\v 3 A tsweledisa mosepele wa gagwe go tswa Negeti go ya Bethele, go ya kwa lefelong kwa tante ya gagwe e neng e le teng gole pele, fa gare ga Bethele le Ai. \v 4 A ya kwa lefelong le a neng a agile aletara ya gagwe teng pele. Mme ga a fitlha foo a bitsa leina Morena.
\v 5 Jaanong Lote, o neng a le mo loetong le Aberame, le ene a bo ana le letsomane, badisa, le ditante. \v 6 Mme lehelo la bo le sa ba lekana go nna mmogo go bapa, ka bane ba itsholetse botlhe ka bobedi. \v 7 Mme gape ga bo gole tloko kutlwisisano gare ga badisa ba ga Aberame le Lote. Bakenane le Baperesita babo ba nna foo ka nako eo.
\v 5 Jalo Lote, yo o oneng a tsamaya le Aborame, le ene one ana le letsomane, letsomane le ditante. \v 6 Lefatshe lene le sa ba letle go re ba ka aga go bapa, ka gore bane botlhe ba na le dithoto tse dintsi, ka jalo gaseka ga kgonafala gore ba nne mmogo. \v 7 Gape, gone gona le kgothang fa gare ga badisa baga Aborame le ba ga Lote. Ka nako eo, Bakanana le Baperisa bane ba nna mo lefatsheng leo.
\v 8 Jaana Aberame o raya Lote are, "A go se nne le le tlhoka kutlwisisano magareng a rona, le fa gare ga badisa ba rona, morago ga tsotlhe re lelwapa. \v 9 Moo gotlhe a gase lefatshe fa pele ga gago? Tsamaela ko pele o ikgaoganye le nna. Ga o ya ko molemeng, nna ke tla ya ko mojeng. Kana fa wena o ya mojeng nna ke ya molemeng."
\v 8 Ka jalo Aberame o raya Lote are, "A go se nne le tshokatshokano magareng a rona, le fa gare ga badisa ba rona, morago ga tsotlhe, re lelwapa. \v 9 Aa lefatshe lotlhe ga le fa pele ga gago? Tsamaela kwa pele o ikgaoganye le nna. Ga o ya kwa molemeng, nna ke tla ya kwa mojeng. Kana fa wena o ya mojeng nna ke ya molemeng."
\v 10 Jaanong Lote a leba mo tikologong, mme a lemoga fa lebala la Jorotane la bo le siame le le bokgotla gongwe le gongwe go ya go goroga ko Zoare, jaaka tshingwana yaga Yahwee, jaaka lefatshe la Egepeto. Moo gabo gole pele ga Yahwee a senyaka Sodoma le Gomora. \v 11 Mme Lote a itlhophela mo lebaleng la Jorotane mme a tsamaela ko botlhabatsatsi, mme masika ba ikgaoganya.
\v 10 Jaanong Lote a leba mo tikologong, mme a lemoga fa lebala la Jorotane la bo le siame le le bokgola gongwe le gongwe go ya go goroga ko Zoare, jaaka tshingwana ya Morena, jaaka lefatshe la Egepeto. Moo gabo gole pele ga Morena a senyaka Sotoma le Gomora. \v 11 Mme Lote a itlhophela lebala la Jorotane mme a tsamaela kwa botlhabatsatsi, mme masika ba ikgaoganya.
\v 12 Aberame a bo a nna mo Kanana, Lote a bo a nna mo fagare ga di toropo tse di mo sebatleng. A tlhoma tante ya gagwe bokgakala jwa Sodoma. \v 13 Jaana banna ba Sotoma ba bo ale baleofi ba ba pelo dikgale kgatlhanong le Yahwee.
\v 12 Aborame a nna mo lefatsheng la Kanana, mme Lote a nna mo ditoropong tsa lebala, a tlhoma ditante tsa gagwe kgakala le Sotoma. \v 13 Jaanong banna ba Sotoma bane ba le ba leofi ba ba bosula thata mo go Jehofa.
\v 14 Yahwee a raya Aberame morago ga Lote a sena go kgaogana nae, "Leba go tswa mo lefelong o emeng teng go ya bokone, borwa, botlhaba, bophirima. \v 15 Lefatshe le o le bonang, ke tla go lefa le dikokomane tsa gago ka bosakhutleng.
\v 14 Jehofa a raya Aberame morago ga Lote a sena go kgaogana a re, "Leba go tswa mo lefelong le o emeng mo go lone go ya bokone, borwa, botlhaba, bophirima. \v 15 Lefatshe le o le bonang, ke tla le go naya le dikokomane tsa gago ka bosakhutleng.
\v 16 Ke tla dira dikokomane tsa gago dintsi jaaka lerole la lehatshe, gore lefa ele motho a ka bala lerole la lehatshe, le dikokomane le tsone ditla balwa. \v 17 Ema, o tsamae mo boleeleng le boteng ja lehatshe, ka gore ketla le go neela." \v 18 Jalo Aberame a tsaya tante, mme a tla a tshela ka dipapetlana tsa Mere, tse di mo Heberone, foo a aga aletara ya ga Yahwee.
\v 16 Ke tla dira dikokomane tsa gago dintsi jaaka lerole la lehatshe, gore fa motho a ka kgona go bala lerole la lehatshe, le dikokomane le tsone ditla balega. \v 17 Ema, o tsamae boleele le bophara ja lehatshe, mme ke tla le go naya." \v 18 Jalo Aberame a tlhpma tante ya gagwe, mme a tla a tshela fa ditlhareng tsa Mere, tse di mo Heberone, foo a aga aletara ya ga Jehofa.
\c 14 \v 1 Go ne ga dirafala ka malatsi a ga Amarafele, kgosi ya Shinara, Arioko, kgosi ya Elasara, Kedolaomeya, kgosi ya Elame, le Titala, kgosi ya Goime, \v 2 go re ba bolotse ntwa kgatlhanong le Bera, kgosi ya Sotoma, Birasha, kgosi ya Gomora, Shinabe, kgosi ya Atama, Shemeba, kgosi ya Sboyime, le kgosi Bela (yo gape a bidiwang Soara).
\v 3 Dikgosi tse tlhano tsa bofelo tse tsa tsenelela ntwa mo mokgatsheng wa Sitima (yo gape a bidiwang Lewatle la Letswai). \v 4 Morago ga dingwaga tse di lesome le boraro ba sena godirela Ketomilaome, ba ne ba ingaola mongwageng wa lesome le boraro. \v 5 Mme ka ngwaga wa lesome le bone, Ketomilaone le dikgosi tse a neng a na natso ba tla go tlhasela Refaime mo Ashitora Karanaime, wa Mosusite mo Hame, Moemite mo Safeha Kiriathaime, \v 6 le Mohorite mo lefatsheng le le dithaba la Seira,go goroga fela kwa bokgakaleng jwa Ele Parana, gaufile sekaka.
\v 7 Jaanong ba retologa ba ya kwa Enemishpate (yo gape a bidiwang Katese), mme ba fenya lefatshe lotlhe la Baamalike, le Baamora ba ba neng ba nna mo Hasesone Tamare. \v 8 Jaanong kgosi ya Sotoma, kgosi ya Gomora, kgosi ya Atema, kgosi ya Saboyime, le kgosi ya Bela (yo gape a bidiwang Soare) ba tswa ba ya go ipaakanyetsa ntwa mo mokgatsheng wa Sitime \v 9 kgatlhanong le Ketorelaome, kgosi ya Elame, Titale, kgosi ya Goime, Amerafele, kgosi ya Shinare, Arioke, kgosi ya Elasare; dikgosi tse nne kgatlhanong le tse tlhano.
\v 10 Jalo mokgatsha wa Sitime wa bo o tetse didiba tsa sekontire, mme ya re fa dikgosi tsa Sotoma le Gomora di tshaba, tsa wela mo teng. Ba ba neng ba setse ba tshabela kwa dithabeng. \v 11 Ka jalo dikgosi tsa gapa dithoto tsotlhe tsa Sotoma le Gomora le dilwana tsotlhe tsa bone, mme tsa itsamaela. \v 12 Mme erile fa ba tsamaya, ba tsaya Lote, morwa monnawe Aberehame, yo neng a agile mo Sotoma, ga mmogole dithoto tsa gagwe tsotlhe.
\v 13 Mongwe wa ba ba neng ba falotse a tla a bolelela Aberame wa Mohebera. o ne a agile fa maokeng a ga Mamore, Moamora, morwarragwe Eshekolo le Anere, ba eneng e le ditsala tsa ga ga Aberame. \v 14 Mme ya re Aberame a utlwa go re baba ba gapile wa lesika la gagwe, a bolotsa mephato e e katisitsweng e le 318 ba ba neng ba tsoletswe mo ntlong ya gagwe, mme ba ba latela go ya go fitlha kwa Dane.
\v 15 A kgaoganya mephato ya gagwe kgatlhanong le bone bosigo, mme a ba tlhasela, a ba sala morago go fitlhelela bokgakala jwa Hoba, kwa bokone jwa Damaseko. \v 16 Mme a busetsa dithoto tse di neng di gapilwe, ga mmogo le Lote le dithoto tsa gagwe, le basadi le batho ba bangwe fela jalo.
\v 17 Fa Aberame a sena go fenya Ketarelaomere le dikgosi tse aneng a na le tsone, kgosi ya Sotoma ya bolola go ya go kopana le ene kwa mokgatsheng wa Shafe (o gape o bidiwang mokgatsha wa kgosi). \v 18 Melekiseteke, kgosi ya Salema, a tlisa senkgwe le mofine. E ne e le moperesite wa Modimo Mogodimodimo.
\v 19 A mo segofatsa a re, ''Go segofaditswe wena Aberame ke Modimo Mogodimodimo, Motlhodi wa legodimo le lefatshe. \v 20 Go boitshepo Modimo Mogodimodimo, yo tsentseng baba ba gago mo diatleng tsa gago." Mme Aberame a mo abela sabosome mo go tsotlhe.
\v 21 Kgosi ya Sotoma ya re go Aberame, "mpusetse batho mme o itseele dithoto segolo" \v 22 Aberame a raya kgosi ya Sotoma a re, ''ke tsholeleditse go Jehofa, Modimo Mogodimodimo, motlhodi wa legodimo le lefatshe, \v 23 go re ga nketla ke tsaya le fa e ele tlhale, le fa e le kgole ya setlhako, le fa e le sepe fela se e leng sa gago, go re o se nne le go re ''ke humisitse Aberame.'' \v 24 Ga ke na go tsaya sepe kwa ntle ga se makolwane a se jeleng le kabelo ya banna ba ke tsamaileng le nna. A Anere, Eshekolo, le Mamere ba itseele dikabelo sa bone.
\c 15 \v 1 Morago ga dilo tse lefoko la Jehova la ta ko Aborame mo tshenologong, lere, "O seka tshaba , Aborame! Ke nna thebe ya gago le monei mogolo wa gago." \v 2 Aborame a mo raya a re, "Morena Modimo, o tla nnaya eng, ka gore ke tsweletse ke le moopa, mme moja boswa wa ntlo yame ke Eliesere wa Damasako?" \v 3 Aborame are, "Ka gore ga wa mpha Kokomane, bona, yoo o tshotsweng mo ntlong yame ke ene moja boswa!"
\c 15 \v 1 Morago ga dilo tse lefoko la Jehova la ta ko Aborame mo tshenologong, lere, "O seka tshaba , Aborame! Ke nna thebe ya gago le monei mogolo wa gago." \v 2 Aborame a mo raya a re, "Morena Modimo, o tla nnaya eng, ka gore ke tsweletse ke le moopa, mme moja boswa wa ntlo yame ke Eliesere wa Damasako?" \v 3 Aborame are, "Ka gore ga wa mpha kokomane, bona, yoo o tshotsweng mo ntlong yame e tla nna ene moja boswa wa me!"
\c 16 \v 1 Jaanong Sarai, mosadi wa ga Aborama , o ne a ise a mo tsholele bana, mme o ne a na le lelata la mosadi, wa moegepeto, yo leina la gagwe e neng e le Hagare. \v 2 Jalo Serai a raya Aborama a re '' bona, Modimo Yahweh o nthibetse go nna le bana. Ya o robalane le motlhanka wame, gongwe nka nna le bana ka ene''. Aborama a utlwa se Serai a neng a se bua . \v 3 Morago ga dingwaga di le lesome Aborama le lefatsheng la Kanana, Serai mosadi wa gagwe a tsaya Hagare, motlhankana wa gagwe wa moegepeto a mo neela Aborama go nna mosadi wa gagwe. \v 4 Jalo a kopana le Hagare, a ima mme fa a lemoga gore o imile, a lebelela mohumagadi wa gagwe ka lenyatso.
\v 5 Ke fa Serai a raa Aborama a re ''ke dirile phoso ka lebaka la gago. Ke neetse lelata la mosadi mo sehubeng sa gago, mme ya re a lemoga gore o imile a ka nyadiwa mo mathong a gagwe. A modimo Yahweh e nne moatlhodi mo gare ga me le wena . \v 6 Mme Aborama a raya Serai a re, ''bona fa ,motlhankana wa gago wa mosadi o mo thateng ya gago, mo dire se o se bonang se go tshwanetse, mme ene a sia.
\v 7 Moengele wa Modimo Yahweh a mo fitlhela fa motsweding wa metsi kwa sekgweng. Ke motswedi o o leng mo tseleng fa o ya Shure. \v 8 A re ''Hagari motlhanka wa ga Serai o tswa kae le gone o ya kae?'' Mme e ne a re ''ke tshabile mongame Serai''.
\v 9 Moengele wa Modimo Yahweh a mo raya a re''boela ko mong wa gago, mme o ineele mo taolong ya gagwe.'' \v 10 Mme moengele wa Modimo Yahweh a mo raya a re ''ke tla ntsifatsa lesika la gago thata, ba ta nna bantsi mo ba ka sekeng ba balwe.
\v 11 Moengele wa modimo Yahweh a mo raya gape a re ''Bona o moimana o tlaa tshola ngwana wa mosimane, jalo o tla mmitsa leina o re Ishimaele ,ka gore Modimo Yahweh o utule tlhokofatso ya gago. \v 12 O tlaa nna monna wa tonki ya naga. O tlaa nna kgatlhanong le monna mongwe ,le mongwe o tla nnang kgatlhanong le ene, o tlaa nna a ikgaogantse le barwa rragwe
\v 13 Ke fa Hagai a neela Modimo Yahweh yo o neng a bua le ene leina a re ''O modimo o o mponang,'' a ba a ''A re ke tla tswelela ke bona le morago fa a sena go mpona?'' \v 14 Ka jalo sediba sa bidiwa Beer Lenai; se se magareng ga Kadesh le Bered.
\v 15 Hagare a tsholela Aborama ngwana wa mosimane mme Aborama a bitsa ngwana wa gagwe wa mosimane yo a mo tsholetsweng ke Hagare a re Ishimaele. \v 16 Aborama o ne a na le dingwaga di le 86 fa Hagare a mo tsholela Ishemaele.
\c 17 \v 1 \v 2 E rile Aborame ale dingwaga di le masome a le fera bongwe le boferabongwe, Morena a iponatsa mo go Aborame mme a mo raya a re, '' ke nna modimo mothata-yotlhe. Tsamaya fa pele game, mme o nne mosiame. Jaanong ke tla rurifatsa kgolagano ya me magare game le wena, mme ke tla a go ntsifatsa go menagane''.
\c 17 \v 1 E rile Aborame ale dingwaga di le masome a le fera bongwe le boferabongwe, Morena a iponatsa mo go Aborame mme a mo raya a re, '' ke nna Modimo mothata-yotlhe. Tsamaya fa pele game, mme o nne mosiame. \v 2 Jaanong ke tla rurifatsa kgolagano ya me magare game le wena, mme ke tla a go ntsifatsa go menagane''.
\v 12 Mosimane mongwe le mongwe mo go lona yo o na le malatsi a le boferabobedi o tshwanetse go rupisiwa, go ya kokomaneng tsa lona. Se se akaretsa opeyo o tshotsweng mo lelwapeng la lona le ope yo o rekilweng mo badichabeng e se losika lwa gago. \v 13 Monna yo o tshotsweng mo ntlong ya lona ga mmogo le yo o rekilweng ka madi o tshwanetse go rupisiwa. Se ke kgolagano ya me mo nameng ya lona go ya ka bosakhutleng. \v 14 Ope fela monna yo o sa kgaolang letlalo la bonna mme a sa rupisiwa o tlaa ntshiwa mo bathong ba ga gabo.'' Ka go bo a sentse kgolagano ya me''
\v 12 Mosimane mongwe le mongwe mo go lona yo o na le malatsi a le boferabobedi o tshwanetse go rupisiwa, go ya ka dikokoma tsotlhe tsa lona. Se se akaretsa ope yo o tshotsweng mo lelwapeng la lona le ope yo o rekilweng mo badichabeng e se losika lwa gago. \v 13 Monna yo o tshotsweng mo ntlong ya lona ga mmogo le yo o rekilweng ka madi o tshwanetse go rupisiwa. Se ke kgolagano ya me mo nameng ya lona go ya ka bosakhutleng. \v 14 Ope fela monna yo o sa rupisiwa o tlaa ntshiwa mo bathong ba ga gabo. O a bo a robile kgolagano ya me''
\v 15 Modimo a ra ya Aborehame a re, '' jaaka mohumagadi wa gago Sarai, o seka wa tlhola o mmitsa Sarai gotlhelele, mme , leina la gagwe e tla nna Sarah. \v 16 Mme ke tla a mo segofatsa, mme ke tla a mo neela ngwana wa mosimane. Ke tla a mo segofatsa, mme o tla nna mma dichabachaba. Dikgosi tsa batho di tla a tswa mo go ena.''
\v 15 Modimo a ra ya Aborehame a re, '' Ka jalo mohumagadi wa gago Sarai, o seka wa tlhola o mmitsa Sarai gotlhelele, mme , leina la gagwe e tla nna Sarah. \v 16 Mme ke tla a mo segofatsa, mme ke tla a mo neela ngwana wa mosimane. Ke tla a mo segofatsa, mme o tla nna mma dichabachaba. Dikgosi tsa batho di tla a tswa mo go ena.''
Some files were not shown because too many files have changed in this diff
Show More