tn_gen_text_reg/14/07.txt

1 line
524 B
Plaintext

\v 7 Jaanong ba retologa ba ya kwa Enemishpate (yo gape a bidiwang Katese), mme ba fenya lefatshe lotlhe la Baamalike, le Baamora ba ba neng ba nna mo Hasesone Tamare. \v 8 Jaanong kgosi ya Sotoma, kgosi ya Gomora, kgosi ya Atema, kgosi ya Saboyime, le kgosi ya Bela (yo gape a bidiwang Soare) ba tswa ba ya go ipaakanyetsa ntwa mo mokgatsheng wa Sitime \v 9 kgatlhanong le Ketorelaome, kgosi ya Elame, Titale, kgosi ya Goime, Amerafele, kgosi ya Shinare, Arioke, kgosi ya Elasare; dikgosi tse nne kgatlhanong le tse tlhano.