tn_gen_text_reg/12/14.txt

1 line
416 B
Plaintext

\v 14 Ga diragala, ya re fa Aberame a goroga mo Egepeto, Baegepeto ba bona fa Sara a le montle fela thata. \v 15 Magosana a ga Faro a mmona, ba mo isa kwa go Faro, mme mosadi a akarediwa mo go ba lelwapa la ga Faro. \v 16 Faro a tlhokomela Aberame fela thata ka lebaka la ga Sara, mme Aberame a abelwa dinku le dikgomo, ditonki tse ditonanyana, malata a banna, malata a basadi, ditonki tse di namagadi, le dikamela.