Fri Sep 02 2022 15:04:53 GMT+0200 (South Africa Standard Time)

This commit is contained in:
Tomussone José Machinga 2022-09-02 15:04:55 +02:00
parent 119dbb9d4e
commit bc77628ba9
179 changed files with 193 additions and 1 deletions

1
01/01.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
\c 1 \v 1 Paulo, jaaka a biditswe ke Keresete Jeso go nna moaposetola go ya ka fa thatong ya Modimo, le Sotenase mokaulengwe wa rona, \v 2 go kerekeng ya Modimo kwa Kuranta, ko go ba ba ntlafaditsweng mo go Keresete Jeso, ba ba biditsweng go nna batho ba ba boitshepo. Gape re kwalela botlhe ba bitsang leina la Morena wa rona Jeso Keresete mo lefelong lengwe le lengwe, Modimo wa bone le wa rona. \v 3 A tshegofatso le kagiso di nne le lona go tswa go Modimo Rara le Morena Jeso Keresete.

1
01/04.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
\v 4 Ke nna ke isa malebo ko Modimong wa me ka lona, ka ntlha ya tshegofatso ya Modimo e Keresete Jeso a lo e neileng. \v 5 O le humisitse ka tsela nngwe le nngwe, ka puo yotlhe le ka kitso yotlhe, \v 6 fela jaaka bopaki ka ga Keresete bo rurifaditswe go nna nnete mo go lona.

1
01/07.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
\v 7 Ka jalo ga le tlhoke neo epe ya semoya jaaka le letile ka botswapelo tshenolelo ya Morena wa rona Jeso Keresete. \v 8 O tlaa le nonotsha gape go ya bosakhutleng, gore le bo le sena selabe ka letsatsi la Morena wa rona Jeso Keresete. \v 9 Modimo o a ikanyega, yo o le bileditseng mo botsalanong jwa baitshepi jwa Morwa wa gagwe, Jeso Keresete Morena wa rona.

1
01/10.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
\v 10 Jaanong ke a le gwetlha, bakaulengwe, ka leina la Morena wa rona Jeso Keresete, gore lotlhe le dumalane, mme go se ka ga nna makgamu mo go lona. Ke le gwetlha gore le kopanngwe ga mmogo ka tlhaloganyo e tshwanang le ka maikaelelo a tshwanang. \v 11 Ka gonne ke rurifaleditswe, bakaulengwe, ke batho ba ga Tloe gore go na le makgamu mo gare ga lona.

1
01/12.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
\v 12 Ke raya se: mongwe le mongwe wa lona a re ," ke na le Paulo," kana " ke na le Apolose" kana " ke na le Sephase," kana " ke na le Keresete." \v 13 A Keresete o kgaogantswe? A Paulo o bapoletswe lona? A lo ne le kolobeditswe mo leineng la ga Paulo?

1
01/14.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
\v 14 Ke leboga Modimo ka gore ga ke a kolobetsa ope wa lona, ko ntle ga Kirisipase le Gaiase. \v 15 Se e ne e le gore ope a seka a re o kolobeditswe mo leineng la me. \v 16 ( Ke kolobeditse gape le ba ntlo ya ga Setefanase. Ko ntle ga moo, ga ke itse fa ke kolobeditse bangwe gape.)

1
01/17.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
\v 17 Ka gonne Keresete ga a nthoma go kolobetsa mme go rera mafoko a a molemo. Ga a nthoma go rera ka mafoko a botlhale jwa setho, gore mokgoro wa ga Keresete o seka wa felelwa ke maatla a o ne.

1
01/18.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
\v 18 Gonne molaetsa wa mokgoro ke boeleele mo go ba ba swang. Mme mo go ba Modimo a ba bolokang , ke maatla a Modimo. \v 19 Gonne go kwadilwe, " ke tlaa senya botlhale jwa batlhalefi." Ke tlaa tlhakatlhakanya go tlhaloganya ga ba ba botlhale.

1
01/20.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
\v 20 O kae motho yo o botlhale? O kae morutegi? O kae moganetsi wa lefatshe le? A Modimo ga a fetola botlhale jwa lefatshe go nna boeleele? \v 21 Gonne lefatshe mo botlhaleng jwa lone le ne le sa itse Modimo, go itumedisitse Modimo ka boeleele jwa thero go boloka ba ba dumelang.

1
01/22.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
\v 22 Gonne Bajuta ba batla ditshupetso tsa metlholo mme Bagerika ba batla botlhale. \v 23 Mme re rera Keresete yo o babopotsweng, sekgoreletsi mo Bajuteng le boeleele mo Bagerikeng.

1
01/24.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
\v 24 Mme mo go ba ba biditsweng ke Modimo, botlhe Bajuta le Bagerika, re rera Keresete jaaka maatla le botlhale jwa Modimo \v 25 .Ka gonne boeleele jwa Modimo bo tlhalefile go feta batho, mme bokoa jwa Modimo bo nonofile go feta batho.

1
01/26.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
\v 26 Lebelelang pitso ya lona , bakaulengwe. Ga se bontsi jwa lona ba lo neng le tlhalefile ka seelo sa setho. Ga se bontsi jwa lona ba lo neng lo nonofile. Ga se bontsi jwa lona ba le tshotsweng mo go tlotlegileng. \v 27 Mme Modimo o tlhophile dilo tsa boeleele tsa lefatshe le go tlhabisa matlhale ditlhong. Modimo o tlhophile se se bokoa mo lefatsheng go tlhabisa ditlhong se se nonofileng.

1
01/28.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
\v 28 Modimo o tlhophile se se ko tlase ebile se nyatsegile mo lefatsheng. O ile a tlhopha le dilo tse di lebegang e se sepe, go tlisa tlase dilo tse di tsewang ele tsa tlhwatlhwa. \v 29 O dirile se gore ope a seka a nna le lebaka la go ipoka fa pele ga gagwe.

1
01/30.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
\v 30 Ka ntlha ya se Modimo a se dirileng, jaanong le mo go Keresete Jeso, yo o re tliseditseng botlhale go tswa ko Modimong. O nnile tshiamo ya rona, boitshepo, le kgololo. \v 31 Ka jalo, jaaka temana e re, "a yo ipokang, a ipoke mo Moreneng.¨

1
01/title.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
Kgaolo 1

1
02/01.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
\c 2 \v 1 E rile fa ke tla kwa go lona, bakaulengwe, ga ke atla ka kitso ya go itse go bua kana ka botlhale go le senolela dilo tse di fitlhegileng tsa Modimo. \v 2 Gonne ga ke a ikaelela go itse sepe fa ke le gareng ga lona fa e se Jeso Keresete fela, ene yo o bapotsweng.

1
02/03.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
\v 3 Mme ke ne ke na le lona mo bokoeng, le mo poifong le mo thoromong e kgolo. \v 4 Mme molaetsa wa me le thero ya me e ne e tsa tshupo botlhale. Le fa go ntse jalo, di ne di na le tshupegetso ya Moya le maatla, \v 5 gore tumelo ya lona e seka ya nna mo botlhaleng jwa setho, mme mo maatleng a Modimo.

1
02/06.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
\v 6 Jaanong re bua botlhale mo go ba ba godileng, mme e seng botlhale jwa lefatshe leno, kgotsa jwa babusi ba dingwaga tseno ba ba tlhokafalang. \v 7 Le fa go ntse jalo, re bua botlhale jwa Modimo mo boammaaruring jo bo fitlhegileng, botlhale jo bo fitlhegileng jo Modimo a saleng a bo rulagantse pele ga dingwaga tsa kgalalelo ya rona.

1
02/08.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
\v 8 Ga gona babusi bape mo dingwageng tseno ba ba neng ba itse botlhale jo, ka gore fa ba ne ba bo tlhalogantse ka nako tseo, ba ka ne ba sa bapola Morena wa kgalalelo. \v 9 Mme jaaka go kwadilwe, ''dilo tse leitlho lepe le sa di bonang, go sena tsebe epe e e di utlwilweng, go sena tlhaloganyo e e di akantseng, dilo tse Modimo a di baakanyeditseng ba ba mo ratang.''

1
02/10.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
\v 10 Tseo ke dilo tse Modimo a re di senoletseng ka Moya. Gonne Moya o sekaseka sengwe le sengwe, le dilo tse di boteng tsa Modimo. \v 11 Ke mang yo o itseng dikakanyo tsa motho fa e se moya wa motho yo o mo go ene? Mme gape, ga gona ope yo o itseng dilo tse di fitlhegileng tsa Modimo kwa ntleng ga one Moya wa Modimo.

1
02/12.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
\v 12 Mme ga re a amogela Moya wa Lefatse, mme moya yo o tswang kwa Modimong, gore re tle re itse dilo tse re di filweng mahala ke Modimo. \v 13 Re bua ka dilo tse ka mafoko a botlhale jwa motho bo ka se kgonneng go a ruta, mme a re a rutwang ke Moya. Moya o tolokolola mafoko a semoya ka botlhale jwa semoya.

1
02/14.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
\v 14 Motho yo e seng wa semoya ga a amogele dilo tsa Moya wa Modimo, gonne ke boeleele mo go ene. Ga a ka ke a di itse ka gore di kakobiwa semoa. \v 15 Yo o mo semoeng o atlhola dilo tsotlhe, mme ga a ka fa tlase ga katlholo ya ba bangwe. \v 16 ''Ke mang yo o ka itseng tlhaloganyo ya Morena, yo o ka mo laelang?'' Mme re na le tlhaloganyo ya ga Keresete.

1
02/title.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
Kgaolo 2

1
03/01.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
\c 3 \v 1 Mme nna, bakaulengwe, ke ne ke ka se bue le lona jaaka batho ba semoya, mme e le jaaka batho ba senama, jaaka masea mo go Keresete. \v 2 Ke le otlile ka masi, e seng dijo tse di tiileng, gonne le ne le sa di nonofela, le gompieno ga lo ise lo nonofe.

1
03/03.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
\v 3 Ka gonne lo santse lo le mo senameng. Fa lefufa le dintwa di santse di le mo go lona, a ga lo tshele ka fa senameng, gape a ga lo tsamae ka fa sethong? \v 4 Fa yo mongwe a re, "ke wa ga Paulo," yo mongwe a re, "ke wa ga Apolo," a ga lo tshele ka fa sethong? \v 5 Apolo ke mang? Paulo ke mang? Batlhanka ba le dumetseng ka bone, yo Morena a abetseng mongwe le mongwe wa bone ditiro.

2
03/06.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1,2 @@
\v 6 Ke jetse, Apolo o noseditse, mme Modimo ene o godisitse. \v 7 Ka jalo, yo o jetseng le yo
o noseditseng ga se sepe. Mme Modimo ke ene a godisang.

1
03/08.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
\v 8 Jaanong yo o jalang le yo o nosetsang ba a lekana, mme mongwe le mongwe o tlaa amogela tuelo go ya ka tiro ya gagwe. \v 9 Gonne re badira-mmogo le Modimo, le tshingwana ya Modimo, kago ya Modimo.

1
03/10.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
\v 10 Go yeng ka tshegofatso ya Modimo e ke e neetsweng jaaka moagi yo o nang le maitemogelo, ke beile motheo mme yo mongwe o aga mo go one. Mme a mongwe le mongwe a ele tlhoko ka fa a agang ka teng mo go one. \v 11 Gonne ga go ope yo o ka bayang motheo o sele fa e se one fela yo o thailweng, e bong Jeso Keresete.

1
03/12.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
\v 12 Jaanong fa mongwe a aga mo motheong ka gauta, selefera, maje a mantle, dikgong, bojang kana lotlhaka, \v 13 tiro ya gagwe e tlaa bonatshega, gonne letsatsi le tlaa e bonatsa. Gonne e tlaa senolwa mo molelong. Molelo o tlaa leka boleng jwa se mongwe le mongwe a se dirileng.

1
03/14.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
\v 15 Fa tiro ya mongwe e sa sha, o tla amogela tuelo; \v 14 mme fa tiro ya mongwe e ka sha, o tla senyegelwa, mme ene ka sebele o tla bolokwa, jaaka yo o falolang molelo.

1
03/16.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
\v 16 A ga lo itse gore lo tempele ya Modimo le gore Mowa wa Modimo o tshela mo go lona? \v 17 Fa mongwe a senya Tempele ya Modimo, Modimo o tla senya motho yoo. Gonne Tempele ya Modimo e boitshepo, jaaka lona.

1
03/18.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
\v 20 A go se nne ope yo o itsietsang. Fa mongwe mo go lona a akanya gore o botlhale mo nakong e, a a nne "seeleele" gore a atle a nne botlhale. \v 18 Gonne botlhale jwa lefatshe le ke boeleele mo Modimong. Gonne go kwadilwe gatwe, "O tshwara batlhalefi ka boferefere jwa bone." \v 19 Gape, "Morena o itse gore go ipuelela ga ba ba botlhale ke boithamako."

1
03/21.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
\v 21 Ka moo a go se nne ope yo o ipokang ka batho! Gonne dilo tsotlhe ke tsa lona, \v 22 a ke Paulo, kana Apolo, kana Kefa, kana lefatshe, kana botshelo, kana loso, kana dilo tsa gone jaana kana tse di tlang. Dilo tsotlhe ke tsa lona, \v 23 lona le ba ga Keresete, Keresete ene ke wa Modimo.

1
03/title.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
Kgaolo 3

1
04/01.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
\c 4 \v 1 Se ke ka fa motho a tshwanetseng a re leba ka teng, jaaka batlhanka ba ga Keresete le batlhokomedi ba boammaruri jo bo fitlhegileng jwa Modimo. \v 2 Ka tomagano e, go a tlhokafala gore batlhokomedi ba tshephagale.

1
04/03.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
\v 3 Mme mo go nna ke selo se se nnye gore ke tshwanetse ka atlholwa ke lona kana ke lekgotla lepe fela la setho. Ka gore le nna ga ke ikatlhole. \v 4 Ga ke itse ka dikatlholo dipe tse di beilweng kgatlhanong le nna, mme seo ga se reye go re ga ke na molato. Ke Morena a ka nkatlholang.

1
04/05.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
\v 5 Mme le seka la bolela katlholo ka sepe pele ga nako, pele ga morena atla. O tla tisa mo leseding dilo tse di fitlhegileng tsa lefifi a bo a senola maikaelelo a pelo. Mme mongwe le mongwe o tla amogela pako ya gagwe go tswa kwa Modimong.

1
04/06.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
\v 6 Jaanong, bakaulengwe, ke dirile ditsetlana tse mo go nna le Apolose ka lebaka la lona, go re go tswa mo go rona le ithute bokao jwa puo, "Lo seka wa feta se se kwadilweng." Se ke gore go se nne ope wa lona yo o ka nnang motlotlo ka lebaka la letlogonolo la yo mongwe. \v 7 Go nne ke mang yo o bonang pharologanyo magareng ga lona le ba bangwe? Le na le eng se le sa se amogelang mahala? Fa ele gore le se amogetse mahala, ke eng le ikgantsha o kare ga le a se amogela jalo?

1
04/08.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
\v 8 Le setse le na le tsotlhe tse le ka di batlang! Le setse le humile! le simolotse go busa - e bile go le kgakalanyana le rona! ka boammaruri, ke eletsa gore le bo le busitse, gore re kgone go busa le lona. \v 9 Ka gore ke akanya gore Modimo o re beile rona baapolosetole go nna sekao mo moleng jaaka banna ba ba atlholetsweng loso. Re fetogile go nna ba ba lebelelwang ke lefatshe - mo baengeleng le mo bathong.

1
04/10.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
\v 10 Re dieleele ka lebaka la ga Keresete, mme le botlhale mo go Keresete. Re bokoa, mme le nonofile. Le tshwerwe ka tlotla, mme rona ga re a tshwarwa ka tlotla. \v 11 Go fitlha ka oura e re tshwerwe ke tlala le lenyora, ga re a ikatega ka diaparo tse di siameng, re ketekilwe thata, ga re na bonno.

1
04/12.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
\v 12 Re bereka ka thata, re bereka ka diatla tsa rona. Fa re utlwisitswe botlhoko, re a segofatsa. Fa re sotlakwa, re a itshoka. \v 13 Fa re buisiwa bosula, re bua ka bonolo. Re nnile, e bile re santse re bonwa re le leswe le makgaphila otlhe a lefatshe.

1
04/14.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
\v 14 Ga ke kwale dilo tse go le thabisa ditlhong, mme go le baakanya diphoso le le bongwanake ba ba rategang. \v 15 Le fa e le gore le na le batlhokomedi ba le dikete tse di lesome (10, 000) mo go Keresete, ga le na bo rraeno ba ba bantsi. Ka go bo ke nnile rraalona mo go Keresete Jeso ka efangedi. \v 16 Ka jalo ke le gwetlha go nna baetsi ba me.

1
04/17.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
\v 17 Ke ka moo ke le romeletseng Timotheo, morwaake yo o rategang a le boikanyego mo Moreneng, O tla le gakolola ka ditiro tsame mo go Keresete, fela jaaka ke ba ruta gongwe le gongwe le mo dikerekeng tsotlhe. \v 18 Jaanong bangwe ba lona ba nnile dikgoka, ba itirisa o ka re ga ke tle ko go lona.

1
04/19.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
\v 19 Mme ke tla tla kwa go lona ka bonako, fa Morena a ratile, Mme ke tla itse e seng ka go bua fela ga ba ba dikgoka, mme ke tla bona maatla a bone. \v 20 Gonne bogosi jwa Modimo ga bo mo go bueng mme mo maatleng. \v 21 Le batla eng? A ke tle ko go lona ka thobane kana ka lorato le mo moyeng yo bonolo?

1
04/title.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
Kgaolo 4

1
05/01.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
\c 5 \v 1 Re utlwile pego ya gore go na le bogokagadi mo gareng ga lona, mofuta o e leng gore ga o letlelelwe le mo Baditshabeng. Pego ke gore mongwe wa lona o robala le mosadi wa ga rragwe. \v 2 Le dikgoka mo! Ke eng le sa hutsafale? Yo o dirileng se o tshwanetse go ntshiwa magareng ga lona.

1
05/03.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
\v 3 Le fa ke seo ka namana mme ke teng mo semoyeng, ke setse ke atlhotse yo o dirileng se, fela jaaka o kare ke ne ke le teng. \v 4 Fa le phuthagana ga mmogo mo leineng la Morena wa rona Jeso, le moya wame o le teng ka maatla a Morena wa rona Jeso, ke setse ke atlhotse motho yo. \v 5 Ke dirile se go rolela motho yo kwa go Saatane gore nama e senyakwe, gore moya wa gagwe o tle o bolokwe ka tsatsi la Morena.

1
05/06.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
\v 6 Go ipoka ga lona ga go a siama. A ga lo itse gore sebediso se sennye se bodulosa borotho jotlhe? \v 7 Itlhapiseng mo sebedisong sa bogologolo gore le nne borotho jo bo sha, gore lo nne borotho jo bo senang sebediso. Gonne Keresete, konyana ya rona ya Tlolagano o ntshitswe setlhabelo. \v 8 Ka jalo a re ipeleleng mokete, e seng ka sebediso sa bogologolo, sebediso sa maitsholo a a maswe le boikepo. Le fa go ntse jalo a re ipeleng ka borotho jo bo senang sebediso jwa maikaelelo le boammaruri.

1
05/09.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
\v 9 Ke le kwaletse mo lekwalong lame gore le seka la ikamanya le bagokagadi. \v 10 Gotlhelele ga ke re ye batho ba ba senang molao ba lefatshe le, kana ba ba ikgagapelelang, kana batsietsi, kana baobamedi ba medingwana ya disetwa, ka gonne go nna kgakala le bone go tla tlhoka gore le fuduge mo lefatsheng.

1
05/11.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
\v 11 Mme jaanong ke lo kwalela gore le seka la ikamanya le ope yo o bitswang mokaulengwe mme a tshelela mo bogokagading, kana a ikgagapelela, kana a obamela medingwana ya disetwa, kana a kgokgontsha ka puo, kana a le letagwa, kana e le motsietsi. E bile lo seka la ja dijo le motho wa mofuta o. \v 12 Mme jaanong ke amana jang le go atlhola ba ba ko ntle ga kereke? Ka jalo a ga se gore le atlhola ba ba mo kerekeng? \v 13 Mme Modimo o atlhola bao ba ba ko ntle. "Ntshang motho yo o bosula mo gare ga lona."

1
05/title.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
Kgaolo 5

1
06/01.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
\c 6 \v 1 Fa mongwe wa lona a nale ngangisano le yo mongwe, a o ka ya ko kgotla tshekelong go ema pele ga moatlhodi yo o sa dumeleng, go na le fa pele ga badumedi? \v 2 A ga lo itse gore badumedi ba tlile go atlhola lefatshe? Fa go ntse jalo, le tla atlhola lefatshe, a ga le kgone go rarabolola mathata a a senang mosola? \v 3 A ga lo itse gore re tlaa atlhola baengele? Le ka atlhola mathata a botshelo jo botoka go le kae?

1
06/04.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
\v 4 Fa e le gore le tshwanetse go dira dikatlholo tse di amang botshelo jwa letsatsi le letsatsi, ke eng le baya dikgang tse mo go bao ba ba senang maitsetsepelo mo kerekeng? \v 5 Ke bua se go le tlhabisa ditlhong. A ga gona ope mo go lona yo o botlhale go ka rarabolola mathata mo gareng ga barwarre? \v 6 Le fa go santse go ntse jalo, modumedi o ya ko kgotla tshekelong kgatlhanong le modumedi yo mongwe, mme kgang eo e neelwa moatlhodi yo o sa dumeleng!

1
06/07.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
\v 7 Bo nnete jwa gore go nale mathata ape fela gareng ga badumedi bo setse bo le fentse. Ke eng bogolo le sa boge mo bosuleng? Ke eng bogolo le sa iteseletse gore le tsiediwe? \v 8 Mme le tsieditse ebile le diretse bangwe phoso, mme bao ke bakaulengwe ba lona.

1
06/09.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
\v 9 A galo itse gore basiamolodi ga bana go rua bogosi jwa Modimo? Le seka la dumela maaka. Ba ba dirang boaka, barapedi ba medingwana ya disetwa, bagokaganyi, bagwebi ka mmele ba bo rre, baratani ba bong bo le bongwe, \v 10 magodu, baikgakgapeledi, matagwa, bakgobotletsi le batsietsi- ga go ope wa bone yo o tla ruang bogosi jwa Modimo. \v 11 Ke ka fa bangwe ba bone ba neng ba ntse ka teng. Mme le tlhatswitse, le itshepisitswe, le dirilwe basiami le Modimo mo leineng la Morena wa rona Jeso Keresete le ka Moya wa Modimo wa rona.

1
06/12.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
\v 12 "Sengwe le sengwe se ka fa molaong mo go nna," mme e se sengwe le sengwe se se ntswelang mosola. "Sengwe le sengwe se ka fa molaong mo go nna," mme ga ke ka ke ka laolwa ke epe ya tsone. \v 13 "dijo ke tsa mpa, le mpa ke ya dijo," mme Modimo o tlaa di tlosa tsotlhe. Mmele ga wa direlwa boaka. Le fa go ntse jalo, mmele ke wa Morena, mme Morena o tlaa neela mmele.

1
06/14.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
\v 14 Modimo o tsholeditse Morena mme o tla re tsholetsa ka maatla a gagwe. \v 15 A ga lo itse gore mebele ya lona ke ntlha ya ga Keresete? A ke tseye dingwe tsa dintlha tsa ga Keresete ke di gokaganye le bagwebi ba mmele? A go se nne!

1
06/16.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
\v 16 A ga lo itse gore yo o gokagantsweng le mogwebi wa mmele o nna nama ele nngwe le ene? Jaaka temana e re," bobedi bo tla nna name ele nngwe." \v 17 Mme yo o gokagantsweng le Morena e nna Moya ole mongwe le ene.

1
06/18.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
\v 18 Le tshabeng mo boakeng! Le sebe sengwe le sengwe se motho a se dirang kontle ga mmele, mme motho yo o dirang boaka o leofela mmele wa gagwe.

1
06/19.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
\v 19 A ga lo itse gore mmele wa lona ke tempele ya Moya o Boitshepo, yo o tshelang mo go wena, yo o nang le one go tswa ko Modimong? A ga lo itse gore ga le bo lona? \v 20 Ka gore le rekilwe ka tlhatlhwa. Ka jalo galaletsang Modimo ka mebele ya lona.

1
06/title.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
Kgaolo 6

1
08/01.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
\c 8 \v 1 Jaanong ka dijo tse di diretsweng medingwana ya disetwa- re itse gore "rotlhe re na le kitso." Kitso e a godisa, mme lorato le a aga. \v 2 Fa mongwe a akanya go re o itse sengwe, motho yoo ga a ise a itse ka fa a tshwanetseng go itse ka teng. \v 3 Mme fa mongwe a rata Modimo, motho yoo o itsiwe ke ene.

1
08/04.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
\v 4 Mme ka go ja dijo tse di diretsweng medingwana ya disetwa- re itse gore "modingwana wa disetwa mo lefatsheng le ga se sepe" le gore "ga gona Modimo ope kwa ntleng ga ene a le esi." \v 5 Gonne gongwe medimo e e teng, gongwe kwa legodimong kana mo lefatsheng, fela jaaka go na le "medimo" e mentsi le "barena" ba bantsi. \v 6 Mme mo go rona, "go na le Modimo o le mongwe fela ebong Rara, go tsweng mo go ene go dilo tsotlhe, mme ka ene re a tshela, le Morena a le mongwe fela Jeso Keresete, Ka ene dilo tsotlhe di teng, le ka ene re nna teng.''

1
08/07.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
\v 7 Le fa go ntse jalo, kitso e ga e mo mongwe le mongweng. Mme, bangwe pele ba kile ba obamela medingwana ya disetwa, mme ba ja dijo tse o ka re ke sengwe se se neng se tlhabetswe medingwana ya disetwa. Letswalo la bone le senyegile ka lebaka la go re ba bokoa.

1
08/08.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
\v 8 Mme dijo ga di kake tsa re isa fa pele ga Modimo, ga re maswe maswe fa re sa je, kgotsa botoka fa re ja. \v 9 Mme le tlhokomele go re kgololesego ya lona e se ka ya nna lebaka la gore mongwe yo o bokoa mo tumelong a seka a tlhotsa. \v 10 Ka gore gongwe mongwe o ka le bona, yo o nang le kitso, le e ja dijo mo tempeleng ya medingwana ya disetwa. Ga se letswalo le le bokoa le le rotloeditseng go ja dijo tse di neetsweng medingwana ya disetwa?

1
08/11.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
\v 11 Jaanong ka lebaka la go tlhaloganya ka ga tlholego ya boammaaruri jwa medingwana ya disetwa, yo o bokoa, monnawe Jeso yo o suleng, o sentswe. \v 12 Fa o leofa kgatlhanong le bakaulengwe o bo o ronkgela letswalo la bone le le bokoa, o leofa kgatlhanong le Keresete. \v 13 Ka moo, fa dijo di dira go re mokaulengwe a thatafalelwe, ga ke kitla ke ja nama gape, gore ke seka ka dira gore mokaulengwe wame awe.

1
08/title.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
Kgaolo 8

1
09/01.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
\c 9 \v 1 A ga ke a gololesega? A ga ke moaposetola? A ga ke a bona Jeso Morena wa rona? A ga le tiro yame mo Moreneng? \v 2 Fa ke se moaposetole mo go ba bangwe, bogolo ke ene mo go lona. Gonne le thurifatso ya aposetole jwa me mo Moreneng.

1
09/03.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
\v 3 Se ke itshereletso ya me mo go ba ba ntlhatlhobang. \v 4 A ga re na le tshwanelo ya go ja le go nwa? \v 5 A ga rena tshwanelo ya go tsaya mohumagadi yo o dumelang, jaaka baaposetola botlhe, le bakaulengwe ba Morena, le Sefase? \v 6 Kana ke nna le Baranabase fela ba re tshwanetseng go bereka?

1
09/07.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
\v 7 Ke mang yo o direlang jaaka lesole le le iperekelang? Ke mang yo o lemang tshingwana ya mofine mme a bo a sa je maungo a yone? Kana yo o tlhokomelang letsomane a bo a sa nwe masi a lone? \v 8 A ke bua dilo tse ke beile mo taolong ya setho? A molao le one ga o bue se?

1
09/09.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
\v 9 Gonne go kwadilwe mo molaong wa ga Moshe,'' O seka wa thiba kgomo molomo fa e batla phulo.'' A ke ka kgomo se Modimo a kgathalang ka ga sone? \v 10 A ga a bue ka rona? Re ne re kwaletswe, gonne yo o lemang o tshwanetse go lema ka tsholofelo, le yo o phothang o tshwanetse go photha ka tsholofelo ya go arogana thobo. \v 11 Fa re lemile dilo tsa semoya magareng ga lona, a gago go gontsi mo go rona go roba dilo tse di tshwaregang mo go lona?

1
09/12.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
\v 12 Fa e le gore bangwe ba diragaditse tshwanelo e go tswa mo go lona, ga rena epe gape? Le fa go ntse jalo, ga re a tsaya tshwanelo e. Ka jalo, re itshoketse sengwe le sengwe kwa go na le go thibela thero ya ga Keresete. \v 13 A ga lo itse gore ba ba direlang mo tempeleng ba tsaya dijo tsa bone kwa tempeleng? A ga lo a itse gore ba ba direlang kwa aletareng ba arogana se se neelwang kwa aletareng? \v 14 Mme ka ntlha e, Morena o laotse gore ba ba rerang efangedi ba tshwanetse go tshela go tswa mo efangeding.

1
09/15.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
\v 15 Mme ga ke ise ke tseye dipe tsa ditshwanelo tse. Mme ga ke kwale se gore ke direlwe sengwe. Ke ka mpa ka swa go na le gore mongwe a nthontshe go ipoka mo. \v 16 Gonne fa ke rera efangedi, Ga ke na lebaka lepe la go ipoka, ka gore ke tshwanetse go dira se. Mme a phutso e nne mo go nna fa ke sa rere efangedi!

1
09/17.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
\v 17 Gonne fa ke dira se ka go batla, ke na le tuelo. Mme fa ke sa batle, ke santse ke na le maikarabelo a ke tshephilweng ka one. \v 18 Jaanong tuelo ya me ke eng? Gore fa ke rera, ke ka rera efangedi ke sa duedise le ke sa tseye tshwanelo ya me mo efangeding.

1
09/19.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
\v 19 Le fa ke gololesegile mo go tsotlhe, Ke nnile motlhanka mo go botlhe, gore ke tle ke gape ba le bantsi. \v 20 Go Bajuta ke nnile jaaka Mojuta, gore ke fenye Bajuta. Go ba ba ka fa tlase ga molao, Ke nnile jaaka bone gore ke fenye ba ba ka fa tlase ga molao.Ke dirile se le fa nna ka bo nna ke ne ke se ka fa tlase ga molao.

1
09/21.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
\v 21 Go bao ba ba kwa ntle ga molao, Ke nnile jaaka yo o kwa ntle ga molao, Le fa nna ke ne ke se ka fa ntle ga molao wa Modimo, mme ka fa tlase ga molao wa ga Keresete.Ke didrile se go re ke fenye ba ba kwa ntle ga molao. \v 22 Mo go ba ba bokoa ke nnile bokoa, gore ke tle ke fenye ba ba bokoa. Ke nnile dilo tsotlhe mo bathong botlhe, gore ka bo jotlhe ke boloke bangwe. \v 23 Ke dira dilo tsotlhe ka lebaka la efangedi, gore ke tle ke tseye karolo mo ditshegofatsong tsa yone.

1
09/24.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
\v 24 A ga lo a itse gore mo lobelong batabogi botlhe ba taboga lobelo, mme a le mongwe o amogela sekgele? Jaanong tabogelang go fenya sekgele. \v 25 Motabogi o a itlhokomela mo ikatisong ya gagwe. Ba dira se go amogela serwalo se se nyelelang, mme re tabogela go fenya serwalo se se sa nyeleleng. \v 26 Jaanong ga ke taboge ke sena maikarabelo kana ke lwantsha phefo. \v 27 Mme ke neela mmele wa me, ke bo ke o dira lekgoba, gore fa ke sena go rerela ba bangwe, le nna ke seka ka ganwa.

1
09/title.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
Kgaolo 9

1
10/01.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
\c 10 \v 1 Ke batla le itse se bakaulengwe, gore bo rraetsho botlhe ba ne ba le ka fa tlase ga leru mme botlhe ba ralala lewatle. \v 2 Botlhe ba ne ba kolobeditswe mo go Moshe mo lerung le mo lewatleng, \v 3 mme botlhe ba jele dijo tsa semoya tse di tshwanang. \v 4 Botlhe ba nole seno sa semoya se se tshwanang. Ka ba nole gotswa mo letlapeng la semoya le le neng le ba setse morago, mme letlapa leo e ne e le Keresete.

1
10/05.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
\v 5 Mme Modimo o ne a sa itumedisiwa ke bontsi jwa bone, le ditopo tsa bone di ne di gasagasitswe mo sekgweng. \v 6 Jaanong se e ne e le dikai mo go rona, gore re seka ra kgatlhegela tse di maswe jaaka ba dirile.

1
10/07.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
\v 7 Le seka la nna baobamedi ba medingwana ya disetwa, jaaka ba bangwe ba ne ba ntse. Se se ntse fela jaaka go kwadilwe, "Batho ba nnile fatshe go ja le go nwa, abo ba ema ka dinao go tshameka." \v 8 A re seka ra dira boaka, jaaka bontsi jwa bone ba dirile. Mo letsatsing le le lengwe, batho ba le dikete tse masome a mabedi le boraro(2300) ba sule ka baka la se.

1
10/09.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
\v 9 Mme ebile re seka ra leka Keresete, jaaka bontsi bo dirile mme ba senyakilwe ke dinoga. \v 10 Gape le seka la ngongorega, jaaka bontsi jwa bone bo dirile mme ba senyakilwe ke moengele wa leso.

1
10/11.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
\v 11 Jaanong ba diragaletswe ke se e le dikai mo go rona. Di ne di kwalelwa go kaela rona-rona ba motlha wa bofelo o re fitlhetseng. \v 12 Jalo a ope yo o ipolelelang gore o itsetsepetse a ele tlhoko a seka a kgeloga. \v 13 Ga gona teko e e go fitileng e e sa tlwaelesegang mo bathong. Boemong jwa moo, Modimo o boikanyego. Ga a ka ke a letlelela gore o lekwe go fetisa bokgoni jwa gago. Ka teko o tla go fa tsela ya go falola, gore o kgone go e itshokela.

1
10/14.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
\v 14 Jalo he, baratiwa bame, le tshabeng go obamela medingwana ya disetwa. \v 15 Ke bua le lona le le batho ba ba akanyang, gore le atlhole se ke se buang. \v 16 Senwelo sa ditshegofatso se re se segofatsang, a ga se go abelana ga madi a ga Keresete? Borotho jo re bo robaganyang, a ga se go abelana ga mmele wa ga Keresete? \v 17 Ka gore go na le borotho bo le bongwe, rona ba re bantsi re mmele o le mongwe. Re ja borotho bo le bongwe rotlhe.

1
10/18.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
\v 18 Lebang batho ba Iseraele: a ga se gore bao ba ba jang setlhabelo ke batsaya karolo mo aletareng? \v 19 Ka reng jaanong? Gore modingwana wa disetwa ke eng? Kana gore dijo tse di fiwang modingwana wa disetwa ga se sepe?

1
10/20.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
\v 20 Mme ke bua ka dilo tse baobamedi ba medingwana ya disetwa ba baditshaba ba dintshang setlhabelo, ka gore ba neela dilo tse matimone e seng Modimo. Ga ke batle gore le nne ba tsaya karolo le matimone! \v 21 O ka seke o nwe mo senwelong sa Morena le mo senwelong sa matimone. O ka seke o nne le bokopano jwa baitshepi mo tafoleng ya Morena le mo tafoleng ya matimone. \v 22 Kana re rumula Morena gore a nne lefufa? A re nonofile go mo feta?

1
10/23.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
\v 23 "Sengwe le sengwe se ka fa molaong," Mme ga se sengwe le sengwe se se mosola. " Sengwe le sengwe se ka fa molaong," mme ga se sengwe le sengwe se se agang batho. \v 24 Ope a seka a batla go itirela bomolemo a le nosi. Boemong jwa moo, mongwe le mongwe wa lona a a batle go direla yo mongwe bomolemo.

1
10/25.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
\v 25 Le ka ja se se rekisiwang mo marekisetsong, le sena dipotso tsa letswalo. \v 26 Ka "lefatshe ke la Morena, le botlalo jwa lone." \v 27 Fa yo o sa dumeleng a go laletsa dijo, mme o eletsa go tsamaya, ja se se beilweng fa pele ga gago o sena dipotso tsa letswalo.

1
10/28.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
\v 28 Mme fa mongwe a go raya are, "Dijo tse ke setlhabelo sa baobamedi ba medingwana ya disetwa," o se ka wa ja. Se ke ka ntlha ya yo o go tlhagisitseng, le ka ntlha ya letswalo. \v 29 Ga ke reye letswalo la gago, mme letswalo la yo mongwe. Mme ke ka go reng kgololesego yame e tshwanetse go atlholwa bakeng la letswalo la yo mongwe? \v 30 Fa ke ja dijo ka malebogo, ke eng ke rogelwa se ke se amogetseng ka tebogo?

1
10/31.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
\v 31 Jalo he, le fa o ja kgotsa o nwa, kana sepe se o se dirang, dira tsotlhe go galaletsa Morena. \v 32 Le seka la kgopisa Bajuta kgotsa Bagerika, kana kereke ya Modimo. \v 33 Ke leka go itumedisa batho botlhe mo dilong tsotlhe. Ga ke senke go boelwa, mme ke senka gore go boelwe ba bantsi. Ke dira se gore ba tle ba bolokwe.

1
10/title.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
Kgaolo 10

1
11/01.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
\c 11 \v 1 Nnang baetsi bame, jaaka ke le moetsi wa ga Keresete. \v 2 Jaanong ke a le galaletsa ka gore le nkgakologelwa mo dilong tsotlhe. Ke a le galaletsa ka gore le tshegeditse mekgwa e ke le e fileng. \v 3 Jaanong ke batla le tlhaloganye gore Keresete ke tlhogo ya monna mongwe le mongwe, gore monna ke tlhogo ya mosadi, le gore Modimo ke tlhogo ya ga Keresete. \v 4 Monna mongwe le mongwe yo o rapelang kana a porofita a bipile tlhogo ya gagwe ga a e tlotle.

1
11/05.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
\v 5 Mme ope mosadi yo o rapelang kana a porofita a sa bipa tlhogo ga a tlotle tlhogo ya gagwe. Ka gonne ke selo se le sengwe le fa a ka bo a beotse tlhogo ya gagwe. \v 6 Ka gonne fa e le gore mosadi ga a bipe tlhogo ya gagwe, o tshwanetse a kgaole moriri o nne monnye. Fa ele gore ke matlhabisa ditlhong gore mosadi a kgaole moriri wa gagwe kana a beole tlhogo ya gagwe, a a bipe tlhogo ya gagwe.

1
11/07.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
\v 7 Gonne monna ga tshwanela go nna a bipile tlhogo, gonne ke setshwano le kgalalelo ya Modimo. Mme mosadi ke kgalalelo ya monna. \v 8 Gonne monna ga a dirwa go tswa mo mosading. Ka jalo mosadi o dirilwe go tswa mo monneng.

1
11/09.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
\v 9 Gonne le fa e le monna o ne a sa bopelwa mosadi. Le fa go ntse jalo, mosadi o ne a bopetswe monna. \v 10 Ke ka moo mosadi a tshwanetseng go nna le letshwao la taolo mo tlhogong ya gagwe, ka lebaka la baengele.

1
11/11.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
\v 11 Le fa gontse jalo, mo Moreneng, mosadi ga a ikemela ka nosi mo monneng, kana le fa ele monna ga a ikemela ka nosi mosading. \v 12 Fela jaaka mosadi a tswa mo monneng, fela jalo le monna o tswa mo mosading. Mme dilo tsotlhe di tswa mo Modimong.

1
11/13.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
\v 13 Ikatlholeleng: a go siame gore mosadi a rapele Modimo a sa ipipa tlhogo? \v 14 A le tlholego fela ka bo yone ga e le rute gore fa monna a na le moriri yo moleele, ke matlhabisa ditlhong mo go ene? \v 15 A tlholego ga e le rute gore fa mosadi a na le moriri yo moleele, ke kgalelelo ya gagwe? Gonne moriri wa gagwe o o neetswe ele seipipo. \v 16 Fa ele gore mongwe o batla go nganga ka se, ga rena thulaganyo epe gape , le fa e le dikereke tsa Modimo.

1
11/17.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
\v 17 Mme mo ditaelong tse, ga ke lo galaletse. Ka gonne fa le tla ga mmogo, ga se ka ga go tokafatsa mme ke ka go direla maswe pele. \v 18 Ka gonne sa ntlha, ke utlwa gore fa le tla ga mmogo mo kerekeng, go na le makgamu mo gare ga lona, mme ka karolo nngwe ke a dumela seo. \v 19 Gore go tle go nne le dikgaogano mo gare ga lona, gore ba ba amogetsweng ba tle ba lemogiwe magareng ga lona.

2
11/20.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1,2 @@
\v 20 Gonne fa le tla ga mmogo, ga se Selalelo sa Morena se le se jang. \v 21 Fa lo ja, mongwe le mongwe wa lona o ja dijo tsa gagwe pele ga ba bangwe baa ja. Mongwe o tshwerwe ke tlala, yo mongwe oa tagwa . \v 22 A ga le na matlo a le ka jelang la bo la nwela mo go one? A le nyatsa kereke ya Modimo le go tlhabisa ditlhong
ba ba senang sepe? Ke lo reye ke reng? Ga ke lo galaletse? Ga ke tlitla ke lo galaleletsa se!

1
11/23.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
\v 23 Gonne ke amogetse mo Moreng se ke se fitiseditseng mo go lona, gore Morena Jeso, mo bosigong jo a itatotsweng ka jone, a tsaya borotho. \v 24 Fa a sena go leboga, a bo roba a re,'' Se ke mmele wa me, yo e leng wa lona. Dirang se go nkgopola.''

Some files were not shown because too many files have changed in this diff Show More