tn_rom_text_reg/08/28.txt

1 line
466 B
Plaintext

\v 28 Gonne re a itse fa dilo tsotlhe di berekela go ya bomolemong mo go botlhe ba ba ratang Modimo, ebile ba beditswe ka fa thatong ya gagwe. \v 29 Gonne ba a neng a ba itsile pele ga metlha, o ne a ba tlhoma a be a ba bopa mo setshwanong sa Morwa wa gagwe, gore Morwa wa gagwe a tle a nne motsalwa-pele wa bakaulengwe. \v 30 Ba a neng a ba tlhamomisa pele ga metlha o ne a ba bitsa. Ba a ba beditseng o ne a ba siamisa. Ba a neng a ba siamisa, o ne a ba galaletsa.