tn_mrk_text_reg/12/28.txt

1 line
546 B
Plaintext

\v 28 Mongwe wa bakwadi a tla, a utlwa puisano ya bone, a bona go re Jeso o ba arabile sentle. A mmotsa, "Ke efe taolo e e botlhokwa thata mo go tsone tsotlhe?" \v 29 Jeso a araba, "E e botlhokwa thata ke go re, "Utlwang Iseraele; Morena Modimo wa rona, Morena o mongwefela. \v 30 O tshwanetse wa rata Morena Modimo wa gago ka pelo ya gago yotlhe, le ka moya wa gago otlhe, ka tlhaloganyo ya gago yotlhe, le ka nonofo ya gago yotlhe. \v 31 Taolo ya bobedi ke e, 'O rate moagisanyi wa gago jaaka o ithata.' Ga gona taolo epe e kgolo gona le tse.''