tn_mrk_text_reg/10/32.txt

1 line
590 B
Plaintext

\v 32 Ba ne ba le mo tseleng ba ya kwa Jerusalema, mme Jeso a ba etelela pele. Barutwa ba ne ba gakgametse le ba ba ba setseng morago ba ne ba tshogile. Jaanong Jeso a tseela ba ba lesome le bobedi fa thoko gape, mme a simolola go ba bolelela se se tlaa mo diragalelang ka bokhutshwane. \v 33 Bonang, re tsile go palamelela ko Jerusalema, mme Morwa Motho o tlaa neelwa baperesita ba bagolo le bakwadi ba molao. Ba tlaa mo atlholela loso ba bo ba mo neela Baditshaba. \v 34 Ba tlaa mo sotlaka, ba mo kgwela mathe, ba mmetsa ba bo ba mmolaya. Mme morago ga malatsi a le mararo o tlaa tsoga.''