tn_mrk_text_reg/10/01.txt

1 line
452 B
Plaintext

\c 10 \v 1 Jeso a tswa fa lefelong leo, a tsamaela ko dikgaolong tsa Jutia go ya go feta ka noka ya Jorotane, bontsi jwa batho jwa tla kwa go ene gape. A ba ruta gape jaaka a ne a tlwaetse go dira. \v 2 Bafarasai ba tla ko go ene ba mo leka ka dipotso ba re; " A go ka fa molaong gore monna a tlhale mosadi?" \v 3 A araba a re, "Moshe o le laoletse eng?" \v 4 Ba re, "Moshe o ne a letlelela monna go kwalela mosadi setlankana sa tlhalo mme a mo kobe."