tn_mrk_text_reg/09/42.txt

1 line
444 B
Plaintext

\v 42 Ope yo o ka dirang go re ba ba botlana ba ba ntshetseng morago ba kgopiwe, go tlaa bo go le botoka go re a gokelelwe letlapa le letona la tshilo mo molaleng mme a latlhelwe mo lewatleng. \v 43 Fa letsogo la gago le go leofisa, le kgaole. Ka go re go botoka go tsena mo botshelong o le segole go na le go ya diheleng o na le matsogo a mabedi mo molelong o o sa timeng. \v 44 Kwa seboko se teng se sa sweng,le molelo wa teng o sa tingweng.