tn_mrk_text_reg/12/28.txt

1 line
533 B
Plaintext

\v 28 Mongwe wa bakwadi a tla, a utlwa puisano ya bone, a bona gore Jeso o ba arabile sentle. A mmotsa, "Ke efe taolo e botlhokwa thata mo go tsone tsotlhe?" \v 29 Jeso a araba, "E e botlhokwa thata ke gore, "Utlwang Iseraele; Morena Modimo wa rona, Morena o mongwefela. \v 30 O tshwanetse wa rata Morena Modiwo wa gago ka pelo ya gago yotlhe, le ka mowa wa gago otlhe, ka tlhaloganyo ya gago yotlhe, le ka nonofo ya gago yotlhe. \v 31 Taolo ya bobedi ke e, 'O rate moagisanyi wa gago jaaka o ithata, ga gona taolo e kgolo gona le e.