tn_mrk_text_reg/05/21.txt

1 line
485 B
Plaintext

\v 21 Ya re Jeso a tloletse ka ko ntlheng e nngwe gape ka mokoro,bontsi jwa batho ba phuthega ba mo dikaganyetsa,a ntse fa thoko ga lewatle. \v 22 Mongwe wa baeteledipele ba sinagoge, yo o bidiwang, Jairase, a tla, ya re a mmona a wela fa dinaong tsa gagwe. \v 23 A kopa gangwe le gape, a re, "Morwadiake o gaufi le go swa, ke a go kopa, tlaa o mmee diatla gore a fole a tshele." \v 24 A tsamaya le ene, mme bontsi jwa batho ba mo sala morago ba mo atametse thata ba mo pitlagantse.