tn_mrk_text_reg/14/66.txt

1 line
404 B
Plaintext

\v 66 Fa Petere a ntse a le kwa tlase mo kagong ya kgotlatshekelo, mosetsana mongwe wa lelata la moperesiti mogolo a tla kwa go ene. \v 67 A bona Petere a ora molelo, mme a mo lebelela thata. A mo raya a re, "Le wena o ne o na le Jeso wa moNaseretha". \v 68 A itatola a re, "ga ke tlhaloganye gape ga ke itse go re o bua kaga eng" A bo a tswa a tsena mo kagong ya kgotlatshekelo. Foo mokoko wa lela.