tn_mrk_text_reg/12/32.txt

1 line
461 B
Plaintext

\v 32 Mokwadi a re, "Moruti yo molemo! O buile sentle fa o re Modimo o mongwefela, ga gona yo mongwe kwa ntle ga gagwe. \v 33 Go mo rata ka pelo yotlhe, ka tlhaloganyo le ka nonofo, le go rata moagisanyi wa gago jaaka o ithata, go feta setlhabelo se se tshubiwang le ditlhabelo tse dingwe.'' \v 34 Fa Jeso a bona a arabile ka botlhale, a mo raya a re, "Ga o kgakala le bogosi jwa Modimo.'' Morago ga moo, ga bo go sena yo o pelokgale go botsa Jeso dipotso gape.