tn_mrk_text_reg/12/01.txt

1 line
447 B
Plaintext

\c 12 \v 1 Mme Jeso a simolola go ba ruta ka ditshwantsho. A re,"Monnna o ne a lema tshingwana, a bo a e agelela, a epa seboana se go gamolelwang mofine mo go sone. A aga ntlo ya badisa dikago, a hirisetsa balemi ba mofine tshimo. Jalo a tsaya loeto. \v 2 E ne ya re fa nako e fitlha, a roma motlhanka kwa baleming ba mofine, go ya go tsaya maungo a a tswang mo tshingwaneng. \v 3 Mme ba mo tshwara, ba mmetsa, ba mmusetsa morago a sa tshola sepe.