tn_mrk_text_reg/09/17.txt

1 line
448 B
Plaintext

\v 17 Mongwe mo bontsing joo a mo araba; "Moruti, ke tsisitse morwa wame ko go wena.O na le moya o o dirang gore a seka a kgona go bua. \v 18 O a mo tshwara, o mo latlhela fa fatshe,a phoke lehulo mo ganong,a phure meno a bo a gagamala. Ke kopile barutwa ba gago go o kobela ntle mme ba seka ba kgona." \v 19 A ba araba, "Kokomane e e sa dumeleng, ke tshwanetse go nna le lona lebaka le le kae? ke le itshokele go fitlhela leng? Mo tsiseng kwano."