tn_mrk_text_reg/07/02.txt

1 line
471 B
Plaintext

\v 2 Ba lemoga go re bangwe ba barutwana ba ga Jeso ba jele borotho ka matsogo a a leswe,ke go re a a sa tlhapiwang. \v 3 (Gonne Bafarasai le Bajuta botlhe ga ba je pele ba ka tlhapa matsogo,ka gore ba sala morago ngwao e ba e filweng ke bagolo. \v 4 Fa Bafarasai ba tswa marekisetsong,ga ba je pele ga ba sa tlhapa.Mme go na le melawana mengwe e ba tlamegang go e sala morago,jaaka go tlhatswa dikopi, dipitsa, dijana tsa kopore le ditilo tse ba di dirisang fa ba a ja.)