\c 9 \v 1 A bo a ba raya a re; " Ammaaruri ke a lo raya, gona le bangwe ba lona ba ba emeng fa ba ba se kitlang ba swa pele ga ba bona bogosi jwa legodimo bo tla ka nnofo. \v 2 Morago ga malatsi a marataro, "Jeso a tsaya Petere, Jakoba le Johane a ya le bone mo thabeng. Jaanong a fetolwa tebego fa pele ga bone. \v 3 Diaparo tsa gagwe tsa tsabakela,tsa nna ditsweu tshweu, go feta jaaka di ka tlhatswiwa ka sepe fela se se sweufatsang mo lefatsheng.