\v 10 Mme gore le tle le itse gore morwa motho o filwe taolo ya go itshwarela dibe mo lefatsheng", a raya segole a re, \v 11 "Jalo ke go raya ke re, tsoga, o tseye bolao jwa gago o ye kwa ntlong ya gago." \v 12 Jalo ka bonako a tsoga mme a tsaya bolao jwa gagwe, a tswa mo ntlong mo ponong ya mongwe le mongwe, mme botlhe ba tlala ka kgakgamalo, ba isa kgalaletso kwa Modimong, ba re, "Ga re ise re ko re bone se."