Fri Nov 25 2016 12:11:23 GMT+0200 (SAST)

This commit is contained in:
tsDesktop 2016-11-25 12:11:23 +02:00
commit 9b1cce7f86
19 changed files with 39 additions and 2 deletions

1
05/01.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
\c 5 \v 1 Ba tla ntlheng e nngwe ya lewatle, ko kgaolong ya Gerasenese. \v 2 Mme ka bofefo ya re Jeso a tswa mo mokorong,monna yo o neng a na le mewa e e maswe a tla kwa go ene a tswa mabitleng.

1
05/03.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
\v 3 Monna o ne a nna mo mabitleng. Ope o ne a sa kgone go mo tshwara gotlhelele,le fa e le ka keetane. \v 4 O ne a funetswe gantsi ka ditshipi mo maotong le ka dikeetane.O ne a kgaola dikeetane ka bogare le ditshipi tsa kgaogana. Go ne go sena ope yo o nang le thata ya go mo tshwarang.

1
05/05.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
\v 5 Bosigo bongwe le bongwe le motshegare mo mabitleng le mo dithabeng, o ne a lela a bo a itshega ka matlapa a bogale. \v 6 Fa a bona Jeso a le sekgalanyana, a mo tabogela a khubama fa pele ga gagwe.

1
05/07.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
\v 7 A lela ka lentswe le le kwa godimo, "Ke direng ka wena, Jeso, morwa Modimo yo o ko godimo? ke a go kopa ka Modimo ka sebele ,o seka wa ntlhokofatsa." \v 8 Ka gore o ne a mo raya a re, "tswaya mo monneng,wena mowa o maswe."

1
05/09.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
\v 9 A mmotsa a re, "Leina la gago ke mang?"A mo araba a re, "Leina la me ke mephato ya masole,ka gore re bantsi." \v 10 A mo kopa gangwe le gape gore a seka a ba koba mo kgaolong.

1
05/11.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
\v 11 Jaanong ga bo go le serapa sa dikolobe di fula mo lejweng, \v 12 ba mo kopa,ba re, "re romele mo dikolobeng, a re tsene mo go tsone." \v 13 A ba letlelela; mewa e maswe ya tswa ya tsena mo dikolobeng, tsa tabogela ko tlase ga lejwe tsa itatlhela mo lewatleng,mme dikolobe tse di ka nnang dikete tse pedi tsa nwela mo lewatleng.

1
05/14.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
\v 14 Ba ba neng ba disitse dikolobe ba sia ba ya go bolela kwa toropong le ntlheng e nngwe ya lefatshe.Jaanong batho ba ba ntsi ba tswela ko ntle ba tla go bona se se diragetseng. \v 15 Ba tla kwa go Jeso, ba bona monna yo o neng a na le matimone- mephato ya masole ya mewa e e maswe-a ntse fa fatshe, a apere, ebile a itekanetse tlhaloganyo, ba tshoga.

1
05/16.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
\v 16 Ba ba boneng se se diragaletseng monna yo o neng a na le matimone ba ba bolelela gore go diragetse eng ka ene le ka dikolobe. \v 17 Ba simolola go mo kopa gore a tswe mo kgaolong ya bone.

1
05/18.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
\v 18 Ya re a tsena mo mokorong,monna yo o neng a na le matimone a mo kopa gore a tsamae le ene. \v 19 A seka a letlelela seo, a mo raya a re, "Ya ko ntlong ya gago le batho ba gago, o ba bolelele se Modimo a se go diretseng le mautlwelo botlhoko a go a fileng." \v 20 A tswa a tsamaya a ya go bolela dilo tse di kgolo tse Jeso a di mo diretseng mo Dikapolis, mme mongwe le mongwe o ne a hakgametse.

1
05/21.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
\v 21 Ya re Jeso a tloletse ka ko ntlheng e nngwe gape, matshwititshwiti a magolo a phuthega go mo dikologa jaaka a ne a ntse fa thoko ga lewatle. \v 22 Mongwe wa baeteledipele ba sinagoge, yo o bidiwang, Jairase, a tla, ya re a mmona a wela fa dinaong tsa gagwe. \v 23 A kopa gangwe le gape, a re, "Morwadiake o gaufi le go swa, ke a go kopa, tlaa o mmee diatla gore a fole a tshele." \v 24 A tsamaya le ene, mme matshwititshwiti a ba sala morago a ba atumetse thata.

1
05/25.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
\v 25 Jaanong ga bo go le mosadi yo o saleng a tshologa madi dingwaga di le lesome le bobedi. \v 26 O ne a boga thata mo tlhokomelong ya dingaka ka bontsi , a dirisa gotlhe mo a nang le gone.Boemong jwa go thusega seemo sa senyegela ko pele. \v 27 O ne a utlwile dipego ka ga Jeso. A tla fa morago ga gagwe fa a tsamaya fa gare ga matshwititshwiti, a ama diaparo tsa gagwe.

1
05/28.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
\v 28 Ka o ne a re, "Fa ke ka kgoma diaparo tsa gagwe fela, ke tla fola." \v 29 Fa a mo kgoma,go tshologa madi ga ema, a ikutlela mo mmeleng gore o fodile mo tlhokofatsong ya gagwe.

1
05/30.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
\v 30 Ka bonako Jeso a itemogela gore nonofo e dule mo go ene.A leba mo matshwititshwiting a re, "Ke mang yo o kgomileng diaparo tsa me?" \v 31 Barutwana ba gagwe ba mo raya ba re ," O bona matshwititshwiti a a go kgobokanetseng ba go kgoma, o bo o re, 'Ke mang yo o nkgomileng?'" \v 32 Mme Jeso a leba go senka yo o dirileng jalo.

1
05/33.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
\v 33 Mosadi ka go itse se se mo diragaletseng,a tshoga a bo a roroma. A tla a wela fa fatshe mo pele ga gagwe a mmolelela boammaruri jotlhe. \v 34 A mo raya a re "Morwadiaka tumelo ya gago e go fodisitse. Tsamaya ka kagiso o bo o fodisiwe mo bolwetsing jwa gago."

1
05/35.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
\v 35 Yare a santse a bua, batho bangwe ba tswa ko moeteledipeleng wa sinagoge, ba re, " Morwadio o tlhokafetse, ka go reng o tshwenya moruti go sena mosola?"

1
05/36.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
\v 36 Mme ya re Jeso a ba utlwa, a raya mogolwane wa sinagoge a re," Se tshoge . Dumela fela." \v 37 A seka a letlelela ope go tsamaya le ene, fa e se Petere, Jakobe le Johane, morwa rragwe Jakobe. \v 38 Ba goroga ko ntlong ya moeteledipele wa sinagoge ba fitlhela tlhakatlhakano go le modumo o mogolo wa selelo.

1
05/39.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
\v 39 Fa a tsena mo ntlong, a ba raya a re, "Le tenegetse eng e bile le lelela eng? Ngwana ga a tlhokafala o robetse." \v 40 Ba mo tshega, mme a ba ntshetsa botlhe kwa ntle,a tsaya rragwe le mmagwe ngwana, le bao ba neng a na le bone, ba ya mo ngwana a neng a le teng.

1
05/41.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
\v 41 A tsaya letsogo la ngwana a re ,"Talitha koum," ke gore, "Mosetsanyana, ke go ra ya ke re, ema." \v 42 Ka bofefo ngwana a ema a tsamaya (ka o ne a na le dingwaga tse di lesome le bobedi). Ba ne ba hakgamala thata. \v 43 A ba laela a gagamaditse molao gore ope a seka a bua se se diragetseng. A ba laela gore ba mo neele sengwe sa go jewa.

View File

@ -38,7 +38,8 @@
"NAMETSO NNINI",
"LEMPHITLHETSE REETSAKGOSI",
"NAMETSO AGNES MOGAPI",
"OTLAADISA JACOB RAMOTHUDI"
"OTLAADISA JACOB RAMOTHUDI",
"Mpho Mahuma"
],
"finished_chunks": [
"01-01",
@ -129,6 +130,24 @@
"13-28",
"13-30",
"13-33",
"13-35"
"13-35",
"05-01",
"05-03",
"05-05",
"05-07",
"05-09",
"05-11",
"05-14",
"05-16",
"05-18",
"05-21",
"05-25",
"05-28",
"05-30",
"05-33",
"05-35",
"05-36",
"05-39",
"05-41"
]
}