tn_mat_text_reg/13/36.txt

1 line
422 B
Plaintext

\v 36 Jeso a tlogela bontsi jwa batho a tsena mo ntlong. Barutwa ba gagwe batla kwa go ene ba re " re tlhalosetse setshwantsho sa mohero mo tshimong". \v 37 Jeso a araba a re " ene yo a jwalang peo ee molemo ke morwa motho. \v 38 Tshimo ke lefatshe mme peo ee molemo eo go tewa bana ba bogosi. Mohero ke bana ba yo o bosula, \v 39 mme mmaba yo o o jwadileng ke diabolo. Thobo ke phelelo ya lefatshe mme barobi ke baengele.