\v 30 Ya re ba sena go opela sefela, ba tswela ko thabeng ya letlhware. \v 31 Jeso a ba raya a re, "Bosigong jono lotlhe le tla phatlalala ka lebaka la me, jaaka go kwadilwe ga twe, 'Ke tla betsa modisa mme dinku di tla phatlalala.' \v 32 Mme fa ke sena go tsoswa, ke tla ya pele ga lona ko Galalea.''