\v 29 Jaaka ba ne ba tswa mo Jeriko matshwititshwiti a batho a ba sala morago. \v 30 Mme banna ba le babedi ba difofu ba bo ba dutse fa thoko ga tsela. Fa ba utlwa gore Jeso o feta , ba goeletsa. " Morena, Morwa Tafite re utlwele botlhoko". \v 31 Matshwititshwiti a ba kgalemela, ba re ba didimale, mme ba lela thata ko godimo, ba re " Morena, Morwa Tafite re utlwele botlhoko."