\c 2 \v 1 Bakaulengwe ba me, le seka la tshwara tumelo mo go Morena wa rona Jeso Keresete, Morena wa kgalalelo, ka go thusa batho bangwe go feta ba bangwe. \v 2 A re re mongwe o tsena mo bokopanong ja lona a rwele palamonwana ya gouta le diaparo tse di ntle, mme gone foo ga bo go tsena monna yo o humanegileng a apere dilwana tse di leswe. \v 3 Fa o leba yo o apereng dilwana tse di turang o bo o re, '' Ke kopa o nne fa mo lefelong le siameng, '' mme o bo o raya yo o humanegileng o re, ''O eme fa le,'' kgotsa, ''Nna ko dinaong tsa me,'' \v 4 a ga le atlhole mo gare ga lona? A ga le nne baatlhodi ba ba megopolo e maswe?