tn_heb_text_reg/12/14.txt

1 line
663 B
Plaintext

\v 14 Batla kagiso le batho botlhe, le boitshepo jo kwa ntle ga jone go senang ope yo o ka bonang Morena. \v 15 Nnang kelotlhoko gore ope wa lona a se tlhaelwe ke tshegofatso ya Modimo, le gore go se nne modi ope wa go tshwara sekgopi o o ka golang go tsisa bogalaka, le gore bontsi bo seka ba leswafadiwa ke one. \v 16 Elang tlhoko gore go se nne moleofi ope wa maleo a tlhakanelo dikobo kana yo a senang bomodimo jaaka Esau, yo a neng a rekisa botsalwapele jwa gagwe ka mogopo wa dijo. \v 17 Gonne le a itse gore morago ga se, erile a eletsa go rua tshegofatso, o ne a ganwa, ka gore o ne a tlhoka sebaka sa boikotlhao, le fa a ne a bo tsoma a lela ka dikeledi.