tn_heb_text_reg/12/09.txt

1 line
588 B
Plaintext

\v 9 Mo godimo ga moo, re na le bo rrarona ka fa senameng ba ba nnang ba re kgalemela, le gone re ne re ba tlotla. Jaanong ke eng re sare bogolo ra nna kutlo mo go Rara wa mewa yotlhe ra tshela? \v 10 Gonne mo letsogong le lengwe, borrarona ba re kgalemile malatsi a se kae ka fa baneng ba bona go siame ka teng. Mme mo letsogong le lengwe Modimo o re direla bomolemo, gore re tle re nne nae mo boitshepong jwa gagwe. \v 11 Ga gona kgalemo e e lebegang e siame, e nna botlhoko. Lefa gontse jalo e tla re ko morago e tsise maungo a kagiso ya tshiamo mo go bao ba neng ba katisiwa ke yone.