tn_heb_text_reg/12/01.txt

1 line
591 B
Plaintext

\c 12 \v 1 Jalo he, ka re dikaganyeditswe ke bontsi jwa basupi, a re beeleng kwa thoko bokete bongwe le bongwe le boleo jo bo ka re tswaketsang. A re tabogeng ka bopelotelele lebelo le re le beilweng pele. \v 2 A re tseeng Jeso tsia, mosimolodi le mmaakanyi wa tumelo. Ka lebaka la boitumelo jo a neng a bo beilwe pele, o ne a itshokela sefapaano, a nyatsa ditlhong tsa sone, a nna ka fa letsogong le legolo la setilo sa bogosi sa Modimo. \v 3 Ka jalo akanyang ka ene, yo a neng a itshokela kganetso e e neng etswa mo baleofing kgatlhanong le ene, gore le seka la lapa dipelo mme la ineela.