tn_heb_text_reg/08/03.txt

1 line
558 B
Plaintext

\v 3 Gonne moperesiti mogolo mongwe le mongwe o tlhometswe go ntsha dineo le ditlhabelo. Ka jalo go botlhokwa go nna le sengwe se o ka se nayang. \v 4 Jaanong fa Keresete a kabo a le mo lefatsheng, a kabo a se moperesiti, gonne go na le ba bangwe ba ba ntshang dineo go ya ka fa molaong. \v 5 Ba direla mo motlaaganeng o e leng moriti wa dilo tsa selegodimo. Go ntse fela jaaka Moshe a ne a tlhagisiwa ke Modimo, fa a ne a tshwanetse go aga motlaagana, Modimo a re "Bona gore o dira sengwe le sengwe go ya ka fa o supegeditsweng ka teng fa o le ko thabeng."