tn_heb_text_reg/04/08.txt

1 line
467 B
Plaintext

\v 8 Ka gore fa e le gore Joshua o ba file boitapoloso, Modimo o ka bo a sa bua ka letsatsi le lengwe. \v 9 Ka jalo go santse go na le letsatsi la Sabata le le beetsweng batho ba Modimo. \v 10 Ka gore yo o tsenang mo boitapolosong jwa Modimo o setse a itapolositse mo ditirong tsa gagwe, fela jaaka Modimo a dirile go tswa mo go tsa gagwe. \v 11 Ka jalo a re eletseng go tsena mo boitapolosong joo, gore go se nne ope yo o tla dirang botlhoka kutlo jo ba bo dirileng.