tn_heb_text_reg/02/09.txt

1 line
429 B
Plaintext

\v 9 Mme re a bona gore yo o dirilweng mmotlana mo baengeleng ka nakwana: Jeso, yo, ka ntlha ya tshotlego le loso la gagwe, o apesitswe ka kgalalelo le tlotlo. Jaanong, ka tshegofatso ya Modimo, o re swetse rotlhe. \v 10 Gonne go ne go siametse Modimo, ka gore dilo tsotlhe di teng ka ene le ka ntlha ya gagwe, go tsisa barwa botlhe kgalalelong. Gone go mo siametse go dirwa moeteledipele wa poloko ya bone ka tshotlego ya gagwe.