\v 6 Ka jalo, ka gore go santse go beetswe bangwe gore ba tsene mo boitapolosong ja gagwe, le ka gore bontsi jwa BaIseraele ba ba utlwileng mafoko a a molemo ga ba tsena ka lebaka la go tlhoka kutlo, \v 7 Modimo gape o tlhomile letsatsi lengwe le le bidiwang "Gompieno." Morago ga malatsi a le mantsi, a bua ka Tafita, jaaka go ne go sa tswa go buiwa, "Gompieno fa o utwa lentswe la gagwe, le seka la thatafatsa dipelo tsa lona."