tn_gal_text_reg/03/23.txt

1 line
389 B
Plaintext

\v 23 Mme pele ga tumelo e tla, re ne re le ditshwarwa ka fa tlase ga molao, re golegilwe go fitlhela tumelo e senolwa. \v 24 Jaanong molao wa nna motlhokomedi wa rona go fitlhelela Keresete a tla, gore re tle re siamisiwe ka tumelo. \v 25 Mme jaana ka tumelo e tsile, ga re sa tlhole re le ka fa tlase ga motlhokomedi. \v 26 Gonne lotlhe le bana ba Modimo ka tumelo mo go Keresete Jeso.