tn_2ti_text_reg/02/08.txt

1 line
440 B
Plaintext

\v 8 Gakologelwa Jeso Keresete, go tswa mo peong ya ga Tafite, yo o neng a tsositswe mo baswing. Mo ke go ya ka molaetsa wa mafoko ame a a molemo, \v 9 a e leng gore mo go one ke a boga go ya lebakeng la go bofiwa ka dikeetane jaaka senokwane. Mme lefoko la Modimo ga le a golegiwa. \v 10 Ka jalo ke itshokela dilo tsotlhe mo go ba ba thophilweng, gore le bone ba tle ba amogele poloko e e mo go Keresete Jeso, ka kgalalelo e e sa khutleng.