tn_2th_text_reg/01/03.txt

1 line
538 B
Plaintext

\v 3 Re tshwanetse ra isa malebogo kwa Modimong nako tsotlhe ka ga lona, bakaulengwe. Gonne mo go siame, ka gore tumelo ya lona e gola thata, le lorato la lona lo kitlane magareng ga lona. \v 4 Jaanong rona ka borona re bua ka tlotlomalo ka ga lona magareng ga diphuthego tsa Modimo. Re bua ka bopelotelele ja lona le tumelo mo dipogisong tsotlhe tsa lona. Re bua ka dipogiso tse lo di itshokelang. \v 5 Se ke sesupo sa katlholo ya tshiamo ya Modimo. Maduo ke gore lo tla kaiwa le tshwanelwa ke bogosi jwa Modimo o lo bogang ka ga ene.