tn_2pe_text_reg/03/14.txt

1 line
556 B
Plaintext

\v 14 Jalo he, baratiwa, jaaka le solofetse dilo tse, dirang tse di gaisang gore le fitlhelwe le sena leswe le sena molato ope fa pele ga gagwe, mo kagisong. \v 15 Gape, tsayang bopelotelele jwa Morena e le poloko, jaaka mokaulengwe wa rona yo o rategang Paulo a le kwaletse, go ya ka botlhale jo a bo filweng. \v 16 Paulo o bua ka dilo tse mo makwalong otlhe a gagwe, mo go nang le dilo tse di thata go tlhaloganngwa. Batho ba ba senang kitso ebile ba sa iketla ba fetola dilo tse, fela jaaka ba dira ka dikwalo tse dingwe, go isa kwa tshenyegong ya bone.