tn_2pe_text_reg/03/11.txt

1 line
501 B
Plaintext

\v 11 Ka gore dilo tsotlhe di a go senngwa ka tsela e e ntseng jaana, le tshwanetse go nna batho ba mofuta mang? Le tshwanetse go tshela matshelo a a boitshepo a a nang le bomodimo. \v 12 Le tshwanetse go solofela la ba la fefosa go tla ga letsatsi la Modimo. Mo letsatsing leo, magodimo a tla senngwa ka molelo, mme tse di tshwaregang di tla nyerisiwa mo mogoteng o mogolo. \v 13 Mme go ya ka fa tsholofetsong ya gagwe, re letetse magodimo a masha le lefatshe le le sha, kwa tshiamo e tla nnang teng.