tn_2pe_text_reg/02/17.txt

1 line
425 B
Plaintext

\v 17 Bo rre ba ba tshwana le metswedi e e senang metsi. Ba tshwana le maru a a kgweediwang ke matsubutsubu. Ba beetswe lefifi le lentsho. \v 18 Ba bua ka makgakga a a senang sepe. Ba raela batho ka dikeletso tsa nama. Ba raela batho ba ba lekang go falola go tswa mo go ba ba tshelelang mo diphosong. \v 19 Ba ba solofetsa kgololo, mme bone ka sebele ke makgoba a bobodu. Ka gore monna ke lekgoba la sepe se se mo fenyang.