tn_2pe_text_reg/02/04.txt

1 line
499 B
Plaintext

\v 4 Modimo ga a lesa baengele ba ba leofileng. Boemong ja moo o ba tswaletse kwa Tatarase go ba baya mo dikeetaneng tsa lefifi go fitlhela katlholo. \v 5 Gape, ga a lesa lefatshe la bogologolo. Boemong jwa moo a babalela Noa, yo o neng e le moanamisi wa tshiamo, a na le ba le supa, fa a tlisa morwalela mo lefatsheng la ba ba senang bomodimo. \v 6 Modimo gape o ne a dira motse wa Sotoma le Gomora molora a ba atlhola ka go ba senya e le sekai, sa se se tlaa diragalelang ba ba senang bomodimo.