tn_2co_text_reg/11/07.txt

1 line
472 B
Plaintext

\v 7 A ke leofile ka go ikokobetsa go re le tle le tsholediwe? Gonne ke le reretse efangedi ya Modimo mahala. \v 8 Ke utswetse dikereke tse dingwe ka go amogela thotloetso mo go bone gore ke tle ke le direle. \v 9 Fa ke ne ke na le lona ke ne ke le mo letlhokong, ke ne ke se morwalo mo go ope. Ka matlhoki ame a ne a fitlhelelwa ke bakaulengwe ba ba neng ba tswa ko Masedonia. Mo dilong tsotlhe ke ikgaphile go nna morwalo mo go lona, mme ke tla tswelela ka go dira jalo.