tn_2co_text_reg/07/13.txt

1 line
448 B
Plaintext

\v 13 Ke ka ntlha ya se gore a bo re kgothaditswe. Mo tlalaletsong ya kgomotsong ya rona, gape re ipela le go feta ka boitumelo jwa ga Tito, ka gore moya wa gagwe o ne wa ntshafadiwa ke lona lotlhe. \v 14 Go nne fa ke itlotlomatsa mo go ene ka ga lona, ga ke a tlhabiwa ke ditlhong. Le fa go ntse jalo, fela jaaka sengwe le sengwe se re se buileng le lona e le boammaruri, go itlotlomatsa ga rona ka ga lona mo go Tito go itshupile e le boammaruri.