tn_2co_text_reg/06/08.txt

1 line
569 B
Plaintext

\v 8 Re berekela mo tlotlong le mo go tlhokeng tlotlo, mo go akelweng, le mo go galalediweng. Re a patelediwa, re bo re tsiediwa mme e ntse re boammaaruri fela. \v 9 Re bereka jaaka ba ba sa itsiweng ,mme re ntse re itsege. Re bereka jaaka ba ba swang, mme bona! re santse re tshela. Re bereka jaaka ba ba otlhaelwang ditiro tsa bone mme eseng jaaka o kare re atlholetswe leso. \v 10 Re bereka jaaka ba ba futsafetseng, mme re nna ka go ipela. Re bereka jaaka ba bahumanegileng, mme re dira khumo e ntsi. Re bereka jaaka ba ba senang sepe mme re nale le dilo tsotlhe.