tn_1jn_text_reg/03/16.txt

1 line
429 B
Plaintext

\v 16 Ka se re itse lerato, ka gore Keresete o re neetse botshelo jwa gagwe. Le rona re tshwanetse ra ntshetsa matshelo a rona mo bakaulengweng. \v 17 Mme yo o nang le dithoto tsa lefatshe, a bona mokaulengwe wa gagwe a tlhoka, a bo tswala pelo ya gagwe ya kutlwelobotlhoko, lorato la Modimo le ka nna jang mo go ene? \v 18 Bongwanake ba ke ba ratang, a re seka ra rata ka mafoko kgotsa ka loleme, mme ka ditiro le ka boammaruri.