tn_1jn_text_reg/02/15.txt

1 line
403 B
Plaintext

\v 15 Le seka la rata lefatshe kana dilo tse di mo lefatsheng. Fa ope fela a rata lefatshe, lerato la ga Rara ga leyo mo go ene. \v 16 Ka gore sengwe le sengwe se se mo lefatsheng- keletso ya nama, keletso ya matlho le mabela a botshelo- ga se tswe kwa go Rara mme se tswa kwa lefatsheng. \v 17 Lefatshe le keletso ya lone di a feta. Mme ope fela yo o dirang gorata ga Modimo o tlaa nna go ya go ileng.