tn_1jn_text_reg/02/12.txt

1 line
477 B
Plaintext

\v 12 Ke kwalela lona, bana, ka gore maleo a lona a itshwaretswe ka ntlha ya leina la gagwe. \v 13 Ke kwalela lona, bo ntate, ka gore le itse ene yo o kwa tshimologong. Ke kwalela lona, makau, ka gore le fentse yo o bosula. Ke kwaletse lona, bana ba ba nnye, ka gore le itse Rara. \v 14 Ke kwaletse lona, bo ntate, ka gore le itse ene yo o tswang kwa tshimologong. Ke kwaletse lona, makau, ka gore le nonofile, le lefoko la Modimo le nna mo go lona, gape le fentse yo o bosula.