Fri Mar 09 2018 17:10:34 GMT+0200 (South Africa Standard Time)

This commit is contained in:
stewardd 2018-03-09 17:10:34 +02:00
commit fcdf31eda9
10 changed files with 21 additions and 2 deletions

1
04/01.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
\c 4 \v 1 Baratwa, le seka la dumela mowa mongwe le mongwe. Boemong, sekasekang mewa gore a e tswa ko Modimong, ka gore baporofite ba maaka ba le bantsi ba tletse mo lefatsheng. \v 2 Ka se le tla itse mowa wa Modimo, Mowa mongwe le mongwe o o lemogang gore Jeso o tsile mo nameng a tswa ko Modimong ke wa Modimo, \v 3 le mowa mongwe le mongwe o o sa lemogeng Jeso ga o tswe ko Modimong. O ke mowa wa yo kgathanong le Keresete, o le utuleng gore o etla, le gore jaanong o setse o gorogile mo lefatsheng.

1
04/04.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
\v 4 Le tswa mo Modimong, bana,le ba fentse, ka gore ene yo o mo go lona o mogolo go na le yo o mo lefatsheng. \v 5 Ba tswa mo lefatsheng, ka jalo se ba se buang se tswa mo lefatsheng, mme lefatshe le a ba reetsa. \v 6 Re tswa mo Modimong. Mongwe le mongwe yo itseng Modimo o a re reetsa, ene yo o sa tsweng mo Modimong ga a re reetse. Ka se re itse mowa wa boammaruri le mowa o eseng wa boammaruri.

1
04/07.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
\v 7 Baratwa, a re rataneng, gonne lorato le tswa mo Modimong, le gore mongwe le mongwe yo o ratang o tswa mo Modimong ebile o itse Modimo. \v 8 Motho yo o sa rateng ga a itse Modimo, gonne Modimo ke lorato.

1
04/09.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
\v 9 Ka lebaka la se, lorato la Modimo le ne la bonagadiwa magareng ga rona, gore Modimo o rometse morwa wa gagwe yo o esi mo lefatsheng gore re tshele ka lebaka la gagwe. \v 10 Mo go se ke lorato, e se ka gore re ratile Modimo, ka gore ene o re ratile, le gore o rometse morwa wa gagwe gore a nne setlhabelo sa dibe tsa rona.

1
04/11.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
\v 11 Baratwa, fa e le gore Modimo o re ratile, le rona re tshwanetse ra ratana. \v 12 Ga go ope yo o kileng a bona Modimo, fa re ratana, Modimo o nna fela mo go rona, lorato la gagwe le siamisitswe mo go rona. \v 13 Ka se re a itse gore o nna mo rona le rona mo go ene, ka gore o re neetse bontlha bongwe ja mowa wa gagwe. \v 14 Re bone, gape, ra nna bapaki gore Modimo o rometse morwa go tla go nna mmoloki wa lefatshe.

1
04/15.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
\v 15 Ope yo o lemogang gore Jeso ke morwa Modimo, Modimo o nna mo go ene le ene mo Modimong. \v 16 Re itsile ra dumela le lorato le Modimo a nang le lone mo go rona. Modimo ke lorato, ene yo o nnang mo loratong le, o nna mo Modimong, le Modimo o nna mo go ene.

1
04/17.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
\v 17 Ka lebaka la se, lorato le le siamisitswe magareng ga rona, gore re nne le bopelokgale ka letsatsi la katlholo, ka gore jaaka a ntse, le rona re ntse jalo mo lefatsheng le. \v 18 Ga gona poifo mo loratong, Boemong, lorato le le itshekileng le ntshetsa poifo ko ntle, ka gore poifo e tlisiwa ke go tshaba katlholo.Mme ene yo o nang le poifo ga a itshekisiwa mo loratong.

1
04/19.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
\v 19 Re rata ka gore Modimo o re ratile pele. \v 20 Fa mongwe a re, ''Ke rata Modimo'' mme a thoile morwa rragwe, ke moaki. Ka gore ene yo o sa rateng morwa rragwe, yo a mmoneng, ga a kake a rata Modimo, yo a iseng a mmone. \v 21 Se ke taolo e re nang le yone go tswa ko go ene: Ope yo o ratang Modimo o tshwanetse a rata morwa rragwe.

1
04/title.txt Normal file
View File

@ -0,0 +1 @@
Kgaolo 4

View File

@ -36,7 +36,8 @@
"LEKGOTLA CHALE",
"Mmotlana Emelang",
"Oteng Mpho Mokgosi",
"Tsholofelo Outule"
"Tsholofelo Outule",
"te"
],
"finished_chunks": [
"01-title",
@ -75,6 +76,15 @@
"05-13",
"05-16",
"05-18",
"05-20"
"05-20",
"04-title",
"04-01",
"04-04",
"04-07",
"04-09",
"04-11",
"04-15",
"04-17",
"04-19"
]
}