tn_1co_text_reg/09/12.txt

1 line
517 B
Plaintext

\v 12 Fa e le gore bangwe ba diragaditse tshwanelo e go tswa mo go lona, ga rena epe gape? Le fa go ntse jalo, ga re a tsaya tshwanelo e. Ka jalo, re itshoketse sengwe le sengwe kwa go na le go thibela thero ya ga Keresete. \v 13 A ga lo itse gore ba ba direlang mo tempeleng ba tsaya dijo tsa bone kwa tempeleng? A ga lo a itse gore ba ba direlang kwa aletareng ba arogana se se neelwang kwa aletareng? \v 14 Mme ka ntlha e, Morena o laotse gore ba ba rerang efangedi ba tshwanetse go tshela go tswa mo efangeding.