tn_1co_text_reg/16/10.txt

1 line
488 B
Plaintext

\v 10 Jaanong fa Timotheo a tla, bonang gore o na le lona a sena letshogo, ka gonne o dira tiro ya Morena, fela jaaka ke dira. \v 11 A ope a seka a mo nyatsa. Mo thuseng mo tseleng ya gagwe ka kagiso, gore a tle a tle ko go nna. Gonne ke solofetse gore a tle le bakaulengwe. \v 12 Jaanong ka ga mokaulengwe Apolose, ke mo rotloeditse thata gore a le etele le bakaulengwe. Mme e ne e se ka thato ya gagwe ka gope gore a tle gone jaanong. Le fa go ntse jalo, o tla tla fa nako e tshwanetse.