tn_1co_text_reg/13/01.txt

1 line
480 B
Plaintext

\c 13 \v 1 A ke re gongwe ke bua ka diteme tsa batho le tsa baengele. Mme fa ke sena lorato, ke nnile diletso tse di tsosang modumo. \v 2 A ke re gongwe ke na le neo ya go porofeta ebile ke tlhaloganya nnete e e bofitlha le kitso, le gore ke na le tumelo yotlhe ya go sutisa dithaba. Mme fa ke sena lorato, ga ke sepe. \v 3 A ke re gongwe ke neela tsotlhe tse ke nang le tsone go jesa batlhoki, le gore ke neela mmele wame go tshubiwa. Mme fa ke sena lorato, ga ke boelwe ke sepe.