tn_1co_text_reg/06/12.txt

1 line
371 B
Plaintext

\v 12 "Sengwe le sengwe se ka fa molaong mo go nna," mme e se sengwe le sengwe se se ntswelang mosola. "Sengwe le sengwe se ka fa molaong mo go nna," mme ga ke ka ke ka laolwa ke epe ya tsone. \v 13 "dijo ke tsa mpa, le mpa ke ya dijo," mme Modimo o tlaa di tlosa tsotlhe. Mmele ga wa direlwa boaka. Le fa go ntse jalo, mmele ke wa Morena, mme Morena o tlaa neela mmele.