\v 10 Tseo ke dilo tse Modimo a re di senoletseng ka Moya. Gonne Moya o sekaseka sengwe le sengwe, le dilo tse di boteng tsa Modimo. \v 11 Ke mang yo o itseng dikakanyo tsa motho fa e se moya wa motho yo o mo go ene? Mme gape, ga gona ope yo o itseng dilo tse di fitlhegileng tsa Modimo kwa ntleng ga one Moya wa Modimo.