\c 2 \v 1 Jaanong lona Baperesite, taelo e ka ya lona. \v 2 "Fa le ka seke le reetsee, gape le sa beye se mo dipelong tsa lona go tlotla leina la me,'' go bua Morena wa masomosomo, ''jalo ke tla romelele phutso, mme ebile ke tla hutsa ditshegofatso tsa lona. Ka nnete, ke ba husitse, ka go nne le sa baya ditaelo tsa me mo dipelong tsa lona.
\v 3 Bonang, ke gaufi le go kgalemela ba ditshika tsa lona, mme ke tla gasa gasa boloko mo difatlhegong tsa lona, boloko jwa go tswa mo medirong ya lona, mme o tla le tlosa le jone. \v 4 Le tla itse gore ke romeletse taelo e kwa go lona, le go re kgolagano ya me e tla tswelela e ntse le Lefi,'' go bua Morena wa masomosomo.
\v 5 Kgolagano ya me le bone e ne e le botshelo le kagiso, mme ka di mo neela; ka mo naya poifo, a mpoifa, mme a ema ka tshisimogoya leina la me. \v 6 Kaelo ya buammaaruri ya bo e le mo molomong wa gagwe, mme go sena sa maaka mo dipounameng tsa gagwe. o tsamaile le nna ka kagiso le tshiamo mme a retologa mo boikepong. \v 7 Gonne dipounama tsa moperesite di tshwanetse go boloka kitso mme batho bone ba tshwanetse go senka kaelo go tswana mo molomomg wa gagwe, ka gonne ene ke morongwa wa Morena wa masomosomo.
\v 8 Mme le fapogile mo tseleng ya nnete. le dirile go re bontsi bo thetheekele mo molaong. Le leswafaditse kgolagano ya ga Lefi,'' go bua Morena wa masomosomo. \v 9 "Ka jalo, ke dirile go re le nne matlhabisaditlhong ebile le nyatsege ga pele ga batho botlhe, ka go bo le sa boloka ditsela tsa me, mme gape le supile fa le gogela ntlha e le nngwe mo go tsa molao.''
\v 10 A re na raa rona yoo leng mongwe fela? Aa ga re a bopiwa ke Modimo a le mongwefela? Ke eng fa re sena tumelo mongwe a nna le kgotlhang le motsalwa le ene, re leswafatsa kgolagano ya borraarona? \v 11 Juta o ne a tlhoka tumelo. Matlhabisaditlhong a ne a dirwa mo Iseraele le mo Jerusalema. Gonne Juta o leswafaditse lefelo le le boitshepo la Morena le a le ratang, ka o ne a nyala morwadi wa modimo wa seeng. \v 12 A Morena a kgaole momathibelelong a ga Jakoba, ope fela yo thantseng le yoo arabang, le fa a ka tswa a ntsha setlhabelo kwa go Morena wa masomosomo.
\v 13 Mme gape le dira jaana: le khurumetsa sebesosa Morena ka dikeledi, ka selelo le khutsafalo, ka go nne le jaanong ga a retologele kwa setlhabelong le fa e le go se amogela ka thekegelo go tswa mo diatleng tsa lona.
\v 14 Mme le a re, ''Ke eng a sa dire jalo?'' Ka go nne Morena o ne a nna mopaki fa gare ga gago le mosadi wa bonana jwa gago, yo o mo tlhoketseng boikanyego, le fa a ne a le mopati wa gago mme ebile a le mosadi wa gago wa kgolagano. \v 15 Aa ga a ba dira mongwefela, ba na le kabelo ya mowa wa gagwe? Ke ka go reng fa a ne a lo dira mongwefela? Ka gonne o ne a batla letlhogela go tswa mo Modimong. Ka jalo itiseng mo moeng wa lona, mme o seka wa tlhoka go nna boikanyego mo mosading wa bonana jwa gago. \v 16 ''Gonne ke ila tlhalo,'' go bua Morena, Modimo wa Iseraele, ''le ene yo o kgorometsang seaparo sa gagwe ka thubakano,'' go bua Morena wa masomosomo. ''Ka jalo itise mo moeng wa gago mme o se ka wa tlhoka go nna boikanyego.''
\v 17 Le lapisitse Morena wa masomosomo ka mafoko a lona. Mme le a tle le re , "Re mo lapisitse ka eng?'' Ka go re, "mongwe le mongwe yo o dirang bosula o siame mo matlhong a Morena, le go re o a bo itumelela,'' ka nagape go re , ''O kae Modimo wa tekatekano?
\c 3 \v 1 ''Bonang, ke gaufi le go romela morongwa wa me, mme o tla siamisaditsela fa pele ga me. Jalo Morena, yo o mo snkang, o tla tloga a tla kwa tempeleng ya gagwe. Morongwa wa kgolagano e o itumelang mo go yone, bona, o tla tla,'' go bua Morena wa masomosomo. \v 2 Mme ke mang yo tla itshokelang letsatsi le a tlang ka lone? Kemang yo o tla kgonang go ema fa a bonala? Gonne o tla tshwana le molelo o o tlhotlhang le molora o o tlhatswang. \v 3 O tla nna jaaka motlhotlhi le montlafatshe wa selefera, mme o tla ntlafatsa barwaa Lefi. O tla ba tlhotlha jaaka gouta le selefera, mme ba tlisa dikabelo tsa tshiamo kwa go Morena.
\v 4 Jalo moneelo wa Juta le Jerusalema o tla itumedisa Morna, jaaka ka malatsi a bogologolo, ka dingwagatsa pele. \v 5 Mme ke tla lo atlamela ka katlholo. Ke tla nna mosupi kgatlhanong le baloi, bagokagadi, ba ba ikananelang timetso, le ba ba gatelelang yo o tlhapilweng mo dituelong tsa gagwe, ba ba gatelelang baswagadi le masiela, kgatlhanong le ba ba lelekang bafaladi, mme ebile ke kgatlhanong le ba ba sa mpheng totlo,'' go bua Morena wa masomosomo.
\v 6 ''Gonne nna, Morena, ga ke a fetoga ka gope; ka jalo lona dikokomana tsa ga Jakoba ga le a nyelediwa. \v 7 Go tsweng mo malatsing a borraalona le fapogetse melawana ya me mme ga le a e boloka. Boelang kwa nna, mme le nna ke tla boela kwa go lona,'' go bua Morena wa masomsomo. ''Mme le a botsa, ''Re tla boela jang?''
\v 8 Aa motho o ka thukutha Modimo? Mme lona lo a nthukutha. Mme lo a re, ''Re go thukuthile jang'' Ka tsa bosome le dikabelo tsa neo. \v 9 Le hutsitswe ka phutso, ka go nne le a nthukutha, lona tshaba yotlhe fela.
\v 10 Lereng tsa bosome tsotlhe fela mo ntlong ya polokelo, go re go nne le dijo mo ntlong ya me, mme le nteke jaana mo go se,'' go bua Morena wa masomosomo, ''go re aa ga kena go le bulela matlhabaphefo a magodimo go tshololela masego mo go lona, go fitlhelela le tlhoka fa le ka bayang teng. \v 11 Ke tla kgalemela sesinyi sa dijalo tsa lona, go re diseka tsa senya thobo ya lefathse la lona. Ditlhare tsa lona tsa mofine mo masimong ga di na go latlhegelwa ke maungo a tsone," go bua Morena wa masomosomo. \v 12 Ditshaba tsotlhe di tla le bitsa basegofadiwa,'' go bua Morena wa masomosomo.
\v 13 ''Mafoko a lona mo go nna a nnile bogale,'' go bua Morena. \v 14 ''Mme lo a tle lo re,'re kile ra bua jang mo gareng g a rona kgatlhanong le wena?' le a tle le re, 'Ga go na mosola go direla Modimo. Re boetswe ke eng re sena go tshegetsa tsotlhe tse di tlhokegang ebile re tsamaile mo khutsafalong ga pele ga Morena wa masomosomo? \v 15 Jaanong re bitsa badirabosula basegofadiwa. Badirebosula ga ba tswelele pele fela, mme ebile ba leka Modimo mme ba falole.''
\v 16 Bao ba ba boifang Morena ba ne ba bua mo gareng ga bone. Morena a tlhwaa tsebe a reetsa, mme lokwalo lwa dikgakololo le ne lwa kwalwa mo ponong ya gagwe ka ba ba boifang Morena mme batlotle leina la gagwe.
\v 17 ''Ba tla nna ba me,'' go bua Morena wa masomosomo,'' batho ba me ba ba rategang thata, mo go lone letsatsi leo le ke tla diragatsang. Ke tla bautlwelabotlhoko, jaaka motho a utlwelabotlhoko morwaawe yo o mo direlang. \v 18 Mme ebile gape, o tla farologanya fa gare ga mosiame le modirabosula, le fa gare ga yo o obamelang Modimo le yo o sa mo obameleng.
\c 4 \v 1 \v 2 \v 3 Jalo bona, letsatsi le etla, le le tshubang jaaka seleferea, mo badira bosulo botlhe fela ba ba makgakga ba tla nna jaaka
\c 4 \v 1 Ka jalo bona, letsatsi le etla, le le tshubang jaaka lefelo la phisetso, fa botlhe ba ba makgakga le badirabosula ba tla lailega. Letsatsi le le tlang le tla ba laila,'' go bua Morena wa masomosomo. ''mo ba tla salang ba sena le fa e le modi kana kala. \v 2 Mme lona ba le boifang leina la me, letsatsi la tshiamo le tla tlhaba le belegi phodiso mo diphokeng tsa lone. Le tla tswela kwa ntle, mmedinamane le tla kalapa jaaka di tswan mo serubing. \v 3 Ka lone letsatsi leo le tla gataka badirabosula, gonne ba tla nna jaaka molora ka fa tlase ga dinao tsa lona ka letsatsi le ke tsayang kgato,'' go bua Morena wa masomosomo.
\v 4 ''Gakologelwang molao wa motlhanka wa me Moshe o ke mo laetseng kwa Horeba go o fa Baeseraele botlhe, melawana le dikatlholo. \v 5 Bonang, ke tla le romelela Isaya wa moporofete pele ga go goroga ga letsatsi le le legolo le le tshabegang la Morena. \v 6 O tla retololela dipelo tsa borraabana go di isa ko baneng, le dipelo tsa bana kwa go borraa bone, go re ke se ka ka tla go nyeletsa lefatshe ke tshinyego e kgolo.''